
Ka OBAKENG MAJE
26 Ngwanatsele 2025- Baagi ba motse wa Tlakgameng, gaufi le Ganyesa ba mina ka nko e le nngwe. Se, se tla morago ga ditatofatso tsa petelelo kgatlhanong le modiri o apayang (food handler), eleng I.N Mocumi kwa sekolong se se potlana sa Kegakilwe. Go begwa fa modiri o, a beteletse moithuti wa Grade 6, teng kwa sekolong ka Labone o fetileng.
Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Kesaotshepa Tlhajwane are ba makaditswe ke ka mokgwa o botsamaisi jwa sekolo bo ile jwa tsholang kgang e masisi e botlhofo ka teng. Tlhajwane are go begwa fa botsamaisi jwa sekolo bo ile jwa tsaya tshwetso ya go sekega Mocumi mo tirong.
“Re maketse tota go utlwa gotwe Mocumi kgale a betelela ngwana o monnye ka dingwaga teng kwa sekolong. Fela botsamaisi jwa sekolo ga jwa dira sepe ka kgang e. O ka se sekege modiri mo tirong, ntle le go mo biletsa mapodisi.
“Sekolo se tshwanetse gore se itsise sepodisi ka kgang e masisi jaana, segolo bogolo jang e diragetse kwa sekolong. Jaanong, re kgala ka bogale tiragalo e, gape re ikuela go baithuti go buela kwa ntle mabapi le ditshotlakako tsa thobalano tse ba di itemogelang,” Tlhajwane wa tlhalosa.
Mmagwe ngwana are ene o itemogetse matsapa a, ka letsatsi la Tshipi fa ngwana wa gagwe o a neng a phoka-phoka dikeledi, a mo lotlegela ka yone. Mmagwe ngwana are ngwana wa gagwe o ile a mo itsise fa a beteletswe ke modiri o, mme a itsise botsamaisi jwa sekolo.
“Go bontsha fa selo se, se tshimolotse ngwaga o fetile. Gape, o mo beteletse ka Labone o fetileng. Fela ke makadiwa ke gore botsamaisi jwa sekolo ga jwa nkitsise ka tiragalo e jaaka motsadi. Gona le gore ba tseye ngwana ba mo ise kwa kliniking, ba mo isa kwa go mamogolo wa gagwe.
“Jaanong, ke gone ngwana a isiwang kliniki ka letsatsi la Mosupulogo. Ke nako e telele tota, gonne ngwana o boleletse botsamaisi jwa sekolo gone fa a fetsa go betelelwa. Fela ba ile ba se mo tlhage thuso,” mmagwe ngwana wa tlhalosa.
Mmagwe ngwana are o ile a leba kwa sekolong go ya go itseela ka tsebe mabapi le kgang e. Are fa a fitlha kwa sekolong, botsamaisi bo ile jwa mo lotlegela fa bo sekegile modiri o mo tirong.
Kgabagare, go ya ka lekwalo le le neetsweng Mocumi go mo sekega mo tirong, mme le kwadilwe ke motsamaisi wa sedikwa kwa Lefapheng La Thuto, Mojakgolo Dithejane, le tlhalosa fa Mocumi a sekegilwe mo tirong mabapi le ditatofatso tsa petelelo.
“Go na le ditatofatso tsa gore o beteletse moithuti wa Grade 6, ka ga jalo re go sekega mo tirong fa dipatlisiso di santse di tsweletse. Jaanong go tla tsewa tshwetso mabapi le kgang e fa o fetsa go tlhagelela fa pele ka komiti-kgalemo.
“Ditatofatso kgatlhanong le wena dishupa fa o nnile mo maratong le ngwana o monyinyane ka dingwaga (statutory nature), mme re tlhoka go tsaya kgato e. O solofetswe go tswa ka dikago tsa sekolo gone jaanong le go efoga go ikgolaganya le mongongoregi, kgotla-tsamaiso ya sekolo (School Governing Body), badiri kwa sekolong ga mmogo le badiri ba lefapha kwa sedikeng ntle le go laelwa jalo,” Dithejane wa tlhalosa.
Dithejane are uniti ya Labour Relations go tswa kwa Lefapheng La Thuto le tla buisana le mmelaelwa mabapi le go tsenela kgotlha-kgalemo.