
Ka BAKANG MOKOTO
19 Ngwanatsele 2025- Sepodisi sa kwa Kagisho kwa porofenseng ya Kapa Bokone se ikuela go baagi go ba thusa go ka rarabolola kgetsi ya polao. Sepodisi se kaile fa dipatlisiso tsa go sale gale di shupa fa moswi, Nkululeko Miti (40), a ne a tswa kwa tulong ya gagwe a patilwe ke monna mongwe o bidiwang Bongz fa nako ene ele ura ya borobongwe bosigo, fa kgwedi ya Diphalane e tlhola matsatsi a le 7 mono ngwaga.
Sebueledi sa sepodisi kwa porofenseng ya Kapa Bokone, Sarasanta Molefi Shemane are fela Miti ga boela gae. Shemane are Miti o montsho ka mmala, mme o agegile sentle. Shemane are setopo sa ga Miti, se ile sa bonwa gaufi le mabitla a ABC kwa motsesetoropong wa Galeshewe, gaufi le Kimberley mo letsatsing le le latelang ka ura ya 6:30 mo mosong.
“Sepodisi se ikuela go baagi go ka neelana ka tshedimosetso mabapi le polao e. Mongwe le mongwe o a ka tswang a itse sengwe, a ka letsetsa mmatlisisi wa kgetsi eleng Detective Sergeant Dineo Motseothata mo nomorong ya mogala ya 082 469 0236 kgotsa 066 170 9705.
“Kgotsa a ka letsetsa nomoro ya sepodisi e kgatlhanong le bosenyi ya 08600 10111 kgotsa a ka golagana le sepodisi mo MySAPS App. Tshedimosetso nngwe le nngwe e tla tsholwa jaaka ya sephiri fa dipatlisiso di tsweletse,” Shemane wa tlhalosa.