Monna o bolailwe morago ga maiteko a go betelela moithuti


Ka OBAKENG MAJE

4 Ngwanetsele 2025- Monna o bolailwe ke batho ba ba sa itsiweng mono Mahikeng morago ga ditatofatso tsa maiteko a kgothoso le petelelo. Go begwa fa monna o, a ne a leka go kgothosa le go betelela moithuti wa kwa Taletso TVET College gaufi le Unit 6, fela fa o fetsa go tlola seporo sa terena.

Go begwa fa moithuti o, a ne a tsamaya ka maoto.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are monna o, o ile a tlhaselwa ke bangwe ba baagi ba ba sa itsiweng. Mokgwabone are monna o, o ile a netefadiwa fa a tlhokafetse kwa lefelo la tiragalo.

“Dipatlisiso di tsweletse go fitlha ga jaana. Ga go ope o tshwereng,” Mokgwabone wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.