Monna wa bolailwe kwa Ganyesa


Ka OBAKENG MAJE

3 Ngwanaatsele 2025- Sepodisi sa kwa Ganyesa se batlisisa kgetsi ya polao. Se, se tla morago ga gore monna wa dingwaga di le 33, a bolawe ka go tlhabiwa kwa Masimo Section kwa motseng wa Ganyesa, gaufi le Vryburg.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are, go begwa fa setopo sa ga Otladisa Tambae Modise se seneng se na le dintho tsa go tlhabiwa, se bonwe ke mofeti ka tsela fa nako ene e le 6:45am. Myburgh are setopo seo se bonwe mo letsatsing la Tshipi.

“Modise o ile a netefadiwa fa a tlhokofetse ke batlhenkedi ba thuso ya potlako (Emergency Medical Rescue Service) kwa lefelong la tiragalo. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, fela dipatlisiso di tsweletse,” Myburgh wa bega.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.