
Ka OBAKENG MAJE
27 Diphalane 2025- Batho ba le babedi ba tlhokafetse mo kotsing e masisi ya sejanaga mo letsatsing la maabane kwa motseng wa Madithamaga, gaufi le Taung. Se, se tla morago ga gore sejanaga sa bone se amega mo kotsing ya sejanaga.
Go begwa fa sejanaga se, se ne se tswa kwa motseng wa Kgomotso go leba kwa motseng wa Madithamaga fa mokgweetsi a ne a latlhegelwa ke taolo, mme sa menoga.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are monna wa dingwaga di le 34 ga mmogo le lekgarebe la dingwaga di le 19, ba ile ba tlhokafala mo kotsing eo. Van Rooyen are bapagami ba le batlhano ba ile ba rwalelwa kwa bookelong ka dikgobalo tse di masisi.
“Go begwa fa mokgweetsi wa sejanaga seo, a ile a latlhegelwa ke taolo. Go butswe dikgetsi di le pedi tsa polao ntle le maikaelelo,” Van Rooyen wa tlhalosa,” van Rooyen.
Kgabagare, molekgotlha wa kgorwana eo, Itumeleng Maribe are: “Tsela e ya D201, e tsweletse go aparelwa ke dikotsi. Fela dikotsi tse, dibakiwa ke ditlhare tse dintsi-ntsi tse di tletseng mo tseleng. Jaanong, ke maikarabelo a Lefapha la Dithoto Tsa Setshaba ga mmogo le Ditsela mono Bokone Bophirima go ntsha ditlhare tseo. Re ile ra buisana le lefapha, mme re kopile gore le fokotse ditlhare tse dintsi-tsi tse di tletseng mo tseleng.
“Se sengwe ke gore tsela e e tswang kwa motseng wa Madithamaga go ya Kgomotso, ga ena dihampa (speed humps) tse di rebang lebelo. Jaanong, ke maikarabelo a Lefapha la Dithoto tsa Setshaba le Ditsela mono Bokone Bophirima go netefatsa fa go nna le dihampa tse di fokotsang lobelo mo tseleng e.”
Maribe are a go tshwanetswe gore go nne le dikotsi, mme batho ba latlhegelwe ke matshelo pele ga lefapha le ka tsiboga? Maribe are baagi ba ile ba buisana le ene gore ba ithaope go fokotsa ditlhare tse di mo tseleng, gonne di sira bakgweetsi.
“Fela ka mokgwa o ditlhare tse di leng dintsi ka teng, di tla tlhoka Lefapha la Dithoto Tsa Setshaba Le Ditsela gore le lone le tsenye letsogo,” Maribe wa tlhalosa.