Ditheetso tsa beile mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa kwa Boxer Liquor Store di a tswelela


Ka OBAKENG MAJE

22 Diphalane 2025- Ditheetso tsa beile mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa lebenkeleng la Boxer Liquor Store mono Taung, Tebogo Romeo Mahusi (32), di solofetswe go tswelela kwa kgotlha-tshekelong ya Taung mo letsatsing la gompieno. Mahusi one a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go betelela modiri wa mosadi wa teng kwa Boxer Liquor Store.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are tiragalo e, ke ya Lamatlhatso motshegare kwa lebenkeleng la Boxer Liquor Store. Mokgwabone are dipatlisiso mo kgetsing e, di tsweletse.

Go begwa fa modiri wa dingwaga di le 20, teng kwa Boxer Liquor Store, a ne a tsweletse ka tiro ya gagwe ya go paka dilo fa motsamaisi a ne a mo biletsa kwa kantorong ya gagwe ka Lamatlhatso motshegare. Go begwa fa go tseneng ga bone kwa kantorong eo, Mahusi o ile a lotlela lebati la kantoro.

Go begwa fa e ne ya re fa modiri o a sentse a maketse gore go diragalang, ke fa Mahusi a mo phamola a mo atla ka nkane. Go begwa fa Mahusi a ile a mo fekeetsa ka maatla, mme a mo apola borokgwe.

Go begwa fa Mahusi a ile a mo rapamisa mo tafoleng le go mo betelela a mo tlhaga kwa morago.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.