Dikganetsano mo kopong ya beile mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le Mahusi di buseditswe morago


 

Ka OBAKENG MAJE

22 Diphalane 2025- Ditheetso tsa beile mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa lebenkeleng la Boxer Liquor Store mono Taung, Tebogo Romeo Mahusi (32), di solofetswe go tswelela kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la kamoso. Se se tla morago ga gore mosekisi ga mmogo le mmatlisisi wa kgetsi ba tlhalose fa ba le kgatlhanong le gore Mahusi a neelwe beile.

Mosekisi o tlhalositse fa Mahusi a se kitla a babalesega fa a ka neelwa beile, gonne baagi ba tshakgaditswe ke tiragalo e. O tlhalositse gape fa go kwadilwe papetlana ya boikuelo (petition) ke bangwe ba baagi, mme ba kopa gore kgotlha-tshekelo e se neele Mahusi beile.

Fela mmueledi wa ga Mahusi eleng advocate Mokhutsane, o tlhaloseditse lekgotlha gore Afrika Borwa ke naga e e ikaegileng ka molao, mme mongwe le mongwe o tlolang molao, o tshwanelwa ke gore a tshwarwe. Mokhutsane are jaanong botlhe ba ba tla tsenyang botshelo jwa ga Mahusi mo kotsi, ba tla tshwanelwa ke go lebagane le letsogo la molao.

Magistrata mo kgetsing e, o ile a busetsa dikganetsano (arguments) mo kgetsing e kwa morago go fitlha mo letsatsing la kamoso.

Mahusi one a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go betelela modiri wa mosadi wa teng kwa Boxer Liquor Store.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are tiragalo e, ke ya Lamatlhatso motshegare kwa lebenkeleng la Boxer Liquor Store. Mokgwabone are dipatlisiso mo kgetsing e, di tsweletse.

Go begwa fa modiri wa dingwaga di le 20, teng kwa Boxer Liquor Store, a ne a tsweletse ka tiro ya gagwe ya go paka dilo fa motsamaisi a ne a mo biletsa kwa kantorong ya gagwe ka Lamatlhatso motshegare. Go begwa fa go tseneng ga bone kwa kantorong eo, Mahusi o ile a lotlela lebati la kantoro.

Go begwa fa e ne ya re fa modiri o a sentse a maketse gore go diragalang, ke fa Mahusi a mo phamola a mo atla ka nkane. Go begwa fa Mahusi a ile a mo fekeetsa ka maatla, mme a mo apola borokgwe.

Go begwa fa Mahusi a ile a mo rapamisa mo tafoleng le go mo betelela a mo tlhaga kwa morago.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.