
Ka OBAKENG MAJE
8 Diphalane 2025- Sepodisi sa Taung se tlhotlhomisitse fa se batlisisa ditatofatso tsa petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa Boxer Liquor Store mono Taung. Go begwa fa modiri wa dingwaga di le 20, teng kwa Boxer Liquor Store, a ne a tsweletse ka tiro ya gagwe ya go paka dilo fa motsamaisi a ne a mo biletsa kwa kantorong ya gagwe ka Lamatlhatso motshegare.
Go begwa fa go tseneng ga bone kwa kantorong eo, motsamaisi o ile a lotlela lebati la kantoro. Go begwa fa e ne ya re fa modiri o a sentse a maketse gore go diragalang, ke fa motsamaisi a mo phamola a mo atla ka nkane.
Go begwa fa motsamaisi o, a ile a mo fekeetsa ka maatla, mme a mo apola borogwe. Go begwa fa motsamaisi o, a ile a mo rapamisa mo tafoleng le go mo betelela a mo tlhaga kwa morago.
Go begwa fa kgetsi ya petelelo e ile ya bulwa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung, fela ga ise go tshwarwe ope.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Dipatlisiso mo kgannyeng e, ditsweletse,” Mokgwabone wa tlhalosa.