Ntwa ya ditlhogwana e tlogetse mokgweetsi le mopagami ka dikgobalo


Ka BAKANG MOKOTO

5 Diphalane 2025- Mokgweetsi le mopagami ba sejanaga sa modiro wa BMW ba gobetse fa sejanaga sa bone se ne se thulana le tekesi ka dinko kwa tseleng e e yang kwa Hartbeesfontein kwa Klerksdorp mo letsatsing la maabane. Go begwa fa se, se tlile morago ga gore mokgweetsi wa tekesi a lelekise sejanaga sa modiro wa Toyota Etio morago ga go latofatsa mokgweetsi wa sone ka go pega ditlhogwana.  

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Lieutenant Colonel Sam Tselanyane are go begwa fa mokgweetsi wa tekesi, a ile a thula sejanaga sa Toyota Etio, mme se ile sa menoga. Tselanyane are sejanaga sa BMW se se neng se le mo tseleng, se ile sa thulana le tekesi ka dinko.

“Mokgweetsi le mopalami mo sejanageng seo, ba ile ba tswa dikgobalo. Mokgweetsi wa BMW o ile a rwalelwa kwa bookelong jwa poraevete jwa Ancron, fa mopagami a ile a rwalelwa kwa bookelong jwa Tshepong/Klerksdorp.

“Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana,” Tselanyane wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.