Sepodisi se batlana le Maria Lucky Basadi Dichaba


Ka BAKANG MOKOTO

1 Diphalane 2025- Sepodisi sa kwa Ganyesa se ikuela go baagi go ba thusa go batlana le mosadi wa dingwaga di le 33, eleng Maria Lucky Basadi Dichaba. Go begwa fa Dichaba yo o dulang kwa motseng wa Dipudi teng kwa Ganyesa, a ile a nyelela fa kgwedi ya Lwetse e ne e tlhola matsatsi a le 8.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adéle Myburgh are Dichaba o ile a tsamaya fa kgwedi ya Lwetse e ne e tlhola matsatsi a le 8, ka ura ya 12:30, mme a tlhalosa fa a leba kwa Ganyesa. Myburgh are fela Dichaba ga boela gae ka letsatsi leo.  

“Go ile ga bolodiwa letsholo-patlo kwa motseng o, fela ga gwa nna le nko e tswang lemina. Ka nako e a neng a nyelela ka yone, one a apere borokgwe jo bo pududu, ka sekipa se se pinki, le di tekkie tse ditshweu.

“Go begwa fa Dichaba e le motho o montsho ka mmala, mme a na le matlho a lefifi. O bokete jwa mmele jwa 70kg, mme o seemo sa go fitlha go 1.4m. Dichaba o na le moriri wa se-Afrika o montsho, o be o nna mokhutswane,” Myburgh wa tlhalosa.

Myburgh are mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso mabapi le kgang e, a ka letsetsa mmatlisisi wa kgetsi e leng, Sergeant Elliot Assegai mo dinomorong tsa mogala tsa 082 416 0968. Myburgh are kgotsa ba ka letsetsa seteishene se se gaufi sa sepodisi mo nomorong ya mogala ya ‪08600 10111.

“Tshedimosetso nngwe le nngwe e tla tsewa jaaka ya sephiri,” Myburgh wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.