
Ka AGISANANG SCUFF
1 Diphalane 2025- Sepodisi sa kwa Mmabatho se ikuela go baagi go se thusa go batlana le monna wa dingwaga di le 75, eleng Tatolo Johannes Phiri. Go begwa fa Phiri a dula kwa motseng wa Magogoe Tlhabologo, gaufi le Mahikeng.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adéle Myburgh are Phiri o bonwe la bofelo fa Seetebosigo a ne a tlhola matsatsi a le 4. Myburgh are go begwa fa Phiri a tswile kwa lelapeng la gagwe go ya go tsaya madi, fela ga boela gae.
“Go ile ga bolodiwa letsholo-patlo, fela maiteko a o a ile a itaya sefololetsa. Ka nako ya go nyelela ga ga Phiri, one a rwele hutshe e ntsho ka mmala, a apere borokgwe jo bontsho, jeresi e tala, baki e khunou, mme a rwele dirifi tse dintsho.
“Go begwa fa Phiri a le montsho ka mmala, mme ga a na meno. Phiri o na le matlho a ma khunou, o bokete jwa mmele jwa 56kg, mme o bolele jwa 1.5m, ka tlhogo e legwete,” Myburgh wa tlhalosa.
Myburgh are mongwe le mongwe yo a ka tswang a na le tshedimosetso mabapi le go timela ga ga Phiri, a ka letsetsa mmatlisisi wa kgetsi, eleng Sarasanta Golekane Senokwanyane mo dinomorong tsa mogala tsa 079 897 1873. Myburgh are kgotsa ba ka letsetsa seteishene sa sepodisi se se gaufi mo dinomorong tsa 08600 10111.