Bana ba le bararo ba shetse mo mokhukhung


Ka OBAKENG MAJE

22 Lwetse 2025- Bana ba le bararo ba tlhokafetse morago ga go shela mo mokhukhung kwa legaeng la bone kwa motseng wa Geluksoord, gaufi le Christiana mo letsatsing la maabane. Go begwa fa mme a ne a robetse le bana ba gagwe ba le bane mo mokhukhung fa go ka tsoga molelo.

Sebueledi sa sepodisi sa sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer, Tryphosa van Rooyen, o tlhalositse fa mme wa bana ba, a ile a falola kgabo ya molelo ga mmogo le ngwana wa gagwe o mongwe wa dingwaga di le 9. Van Rooyen are ba ile ba tswa dikgobalo mabapi le go sha, fa bana ba le bararo ba ile ba gaelelwa mo kgabong eo ya molelo.

“Ka maswabi, ba ile ba tlhokafala.  Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo tsa morago ga loso, mme ga re belaele fa go nnile le botsukunape mo tiragalong e,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.