
Ka OBAKENG MAJE
16 Lwetse 2025 – Monna wa kwa motseng wa Itireleng, gaufi le Pampierstad, o atlholetswe matshelo a le mabedi kwa kgolegelong mabapi le dipolao tse pedi. Go begwa fa molatofadiwa, Thapelo Modise (23), a ile a bolaya ngwana ga mmogo le mosadimogolo.
Fa kgwedi ya Motsheganong e ne e tlhola matsatsi a le 23 mo ngwageng wa 2023, Modise one a itelekela kwa legaeng la moagisani wa gagwe, mme a tlhasela le go bolaya ngwana wa dingwaga di le tharo, Oratile Loeto ka forotlho e e besang nama. Go begwa fa mmagwe ngwana, mosadimogolo wa gagwe le moagisanyi, ba ile ba leka go tsereganya.
Sebueledi sa sepodisi mono Kapa Bokone, Lieutenant Colonel Sergio Kock are Modise o ile a ba tlhaba, pele ga a ka ba lotlelela mo phaphosing e robalang. Kock are Modise o ile a tlhosetsa phaphosi eo ka molelo, mme a tsena ka lenga la seloko morago ga moo.
“Mongwe wa leloko la lelapa o ile a goroga kwa lelapeng leo moragonyana, mme a fitlha a roba lebati le le neng le golegilwe ka terata. O ile a pholosa mme wa dingwaga di le 71 ga mmogo le lekgarebe la dingwaga di le 21.
“Ka maswabi moagisani, Kgomotso Gladys Kalabatane (74), yo a neng a etetse lelapa leo ka nako eo, o ile a tlhokafala morago ga dikgobalo tsa molelo. Bafalodi botlhe ba ile ba amogelwa kwa bookelong ka dikgobalo tsa go tlhabiwa le go fisiwa,” Kock wa tlhalosa.
Kock are Modise o ile a tshwarwa, mme kopo ya beile ya gagwe ile ya ganediwa go fitlhelela a seka. Kock are kgotlhatshekelo ya sedika ya Taung, e ile ya bona Modise molato, mme ya mo atlholela matshelo a le mabedi kwa kgolegelong mabapi le dipolao tse pedi ga mmogo le dingwaga di le tlhano tsa maiteko a polao.
Kgabagare, mokomoshinara wa sepodisi kwa sedikeng sa Frances Baard, Major General Charlotte Makgari, o ile a akgola mmatlisisi wa kgetsi, Detective Sergeant James Seimelo go tswa kwa seteisheneg sa Pampierstad, mabapi le matsetseleko a a dirileng go batlisisa kgetsi e. Makgari are tshotlakako ya bong ga e tle go letlelewa mo nageng.
“Ba bolai ba ba tshwanang le Modise jaana, ba tla tlosiwa mo setshabeng go netefatsa fa basadi le bana ba sireletsega,” Makgari wa tlhalosa.








