Monna o atlholetswe dingwaga di le 20


Ka KEDIBONE MOLAETSI 

10 Lwetse 2025- Monna wa dingwaga di le 30, o atlholetswe dingwaga di le 20 kwa kgolegelong ke kgotlhatshekelo ya sedika ya Keimoes morago ga polao. Go begwa fa molatofadiwa, Piet Van Wyk a bolaile Gerozade Bezuidenhout (26) ka go mo tlhaba ka thipa. 

Go begwa fa kgwedi ya Mopitlwe wa 2024 e ene e tlhola matsatsi a le 16, mme nako ele metsotso e le masome-a-mabedi morago ga ura ya boraro, go ile ga tsoga kgakgauthano ya mafoko magareng ga Van Wyk le Bezuidenhout. Go begwa fa Van Wyk a ile a lelekisa Bezuidenhout ka garawe. 

Sebueledi sa sepodisi kwa sedikeng sa ZF Mgcawu, Sarasanta Omphile Masegela are moswi o ile a leba kwa lelapeng la gagwe. Masegela are go begwa fa morago ga nakonyana, molatofadiwa o ile a latela moswi kwa gagwe a tshwere dithipa tse pedi. 

“Go ile ga tsoga kgakgauthano gape, mme Van Wyk o ile a tlhaba Bezuidenhout ka thipa mo sehubeng. Go begwa fa Bezuidenhout a ile a tlhokafala ka gagwe morago ga dikgobalo. 

“Kgetsi ya polao e ile ya bulwa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Keimoes. Batlhankedi ba sepodisi ba ile ba romelwa kwa lefelong la tiragalo, mme ga bolodiwa dipatlisiso,” Masegela wa tlhalosa. 

Masegela are molatofadiwa o ile a tshaba, fela o ile a tshwarwa moragonyana. Masegela are thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi, e ile ya bonwa. 

“Molatofadiwa o ile a neelwa beile fa go tsweleditswe dipatlisiso. Van Wyk o ile a atlholelwa dingwaga di le 20 kwa kgolegelong,” Masegela wa tlhalosa. 

Kgabagare, mokomishinara wa sedika kwa ZFM, Major General Monica Sebili, o akgotse mmatlisisi wa kgetsi, Constable Eshley Jonkers ka go batlisisa kgetsi ka manontlhotlho.  

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.