Kgetsi ya petelelo le polao e buseditswe morago


Setshwantsho: Moswi, Motlalepula Kau

Ka OBAKENG MAJE

10 Lwetse 2025- Kgetsi ya go thopa ka dikgoka, kgothoso e tseneletseng, petelelo ga mmogo le polao kgatlhanong le banna ba le babedi ba kwa kgaolong ya ga Manyai kwa motseng wa Tlakgameng, gaufi le Ganyesa, e buseditswe morago go fitlha kgwedi ya Diphalane e tlhola matsatsi a le 20. Se se tla morago ga gore mmueledi wa balatofadiwa a se iponatse kwa kgotlhatshekelo.

Balatofadiwa, Tshepiso Montswane (33) ga mmogo le Gaonapotso Rantsho (33), ba latofadiwa ka go thopa ka dikgoka, kgothoso e tseneletseng, petelelo ga mmogo le go bolaya Motlalepula Kau (43), wa kwa motsesetoropong wa Montshioa kwa Mahikeng. Go begwa fa Montswane ga mmogo le Rantsho, ba ne ba itira dingaka tsa setso, mme ba tsietsa Kau ka leleme go leba kwa motseng wa Tlakgameng go mo thusa.  

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are lelapa la ga Kau le ne la itsise sepodisi fa a timetse. Mokgwabone are kgetsi ya motho o timetseng ene ya bulwa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Mahikeng ka di 23 Moranang 2025, mme sepodisi sa bolotsa dipatlisiso.

“Go begwa fa setopo sa ga Kau se ile sa bonwa kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng magareng ga motse wa Tlakgameng le Kudunkgwane fa Moranang a ne a tlhola matsatsi a le 24.

“Setopo seo, se ile sa shupiwa ke mongwe wa leloko la lelapa fa ele sa ga Kau. Sepodisi se ile sa bolotsa dipatlisiso mabapi le go bolawa ga ga Kau, mme seo sa ba lebisa kwa go tshwarweng Ransho le Motswane. Banna ba, ba ile ba tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Ganyesa, mme ba bolelela lekgotlha fa ba na le kgetsi e nngwe gape ya petelelo kgatlhanong le bone,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Kgetsi kgatlhanong le bone e ne ya busediwa morago, mme ba tla nama ba letile letsatsi la tsheko kwa ntlolefitshwana.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.