
Ka OBAKENG MAJE
5 Lwetse 2025- Sepodisi kwa Reivilo se batlisisa kgetsi ya go thubiwa ga motshini o ntshang madi (ATM). Se, se tla morago ga gore motshini o ntshang madi o thuntsiwe ka bomo ka masa a Laboraro.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are go tshotswe madi a sa totobadiwang gore ke bokae. Myburgh are motshini o, o kwa garage ya selegae.
“Go fitlha ga jaana ga gona ope o tshwerweng, mme kgetsi ya go phampholola motshini o ntshang madi ka bomo e butswe,” Myburgh wa tlhalosa.