Banna ba le bararo ba tshwerwe ka dipudi di le 26


Ka OBAKENG MAJE

29 Phatwe 2025- Banna ba le bararo ba tshwerwe mabapi le go tshola (possession) dipudi tse go belaelwang fa di utswitswe. Go begwa fa banna ba ba dingwaga di le 25, 27 ga mmogo le 33, ba tshwerwe kwa tselakgolo ya N12 kwa Klerksdorp mo letsatsing la maabane.

Se bueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are sepodisi se ile sa longwa tsebe mabapi le go tsamaisiwa ga dipudi tse 26 tse di neng di le mo sejanageng. Mokgwabone are sepodisi se ile sa lalela banna ba, mme ba emisa sejanaga sa bone.

“Sepodisi se ile sa puruputsha sejanaga seo, mme ba fitlhela dipudi di le 26 tsa boleng jwa R50 000 mo sejanageng seo. Banna ba, ba ile ba tshwarwa morago ga go tlholega go neelana ka bopaki jwa gore dipudi ke tsa bone.

“Ba tlile go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Klerksdorp ka Mosupulogo mabapi le ditatofatso tsa go tshola dipudi tse go belaelwang di utswitswe mo go bone,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Mokgwabone are go bonala fa dipudi tseo, di ne di isiwa kwa porofenseng ya Gauteng. Mokgwabone are sepodisi se tla sala kgetsi e morago le go upulola gore dipudi tseo ke tsa ga mang.

Kgabagare, go begwa fa dingwe tsa dipudi tseo, ele tsa kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.