
Ka OBAKENG MAJE
25 Phatwe 2025- Monna wa dingwaga di le 30 o tlhabilwe le go bolailwa ka thipa kwa motseng wa Mokgareng, gaufi le Taung. Se se tla morago ga gore setopo sa ga Olopeng Obert Serekwane se fitlhetswe mo mogwafatshe kwa gagabo mo letsatsing la gompieno.
Go begwa fa go ile ga tsoga ntwa e matlho-mahibidu mo letsatsing la maabane magareng ga Serekwane le banna bangwe ba ba sa itsiweng. Go begwa fa moswi a ne a tlhabiwa ke banna bao, mme ba inaya naga morago ga moo.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are moswi o ile a supiwa ke mamalomagwe mo letsatsing la gompieno. Van Rooyen are sepodisi se boloditse dipatlisiso, mme ga go ope o tshwerweng go fitlha ga jaana.