
Ka OBAKENG MAJE
21 Phatwe 2025- Setlamo se se tlamelang baagi ka motlakase sa Eskom, se kaile fa se tla bolotsa dipatlisiso mabapi le molelo o runtseng gaufi le seteishene-potlana sa motlakase kwa Taung. Eskom e kaile fa molelo o, o runtse kwa lefelong le go latlhelwang matlakala kwa go lone, gaufi le seteishene-potlana sa Eskom.
Motsamaisi wa Eskom mono Bokone Bophirima, Ezekiel Baruti are go pegwa fa molelo o, o tlhodilwe ke mongwe wa baagi. Baruti are se se monate ke gore molelo o, o ile wa thibiwa ke khuti e neng ele gaufi.
“Ga gona di tshenyegelo dipe kwa seteishene-potlana sa rona. Setlhopha sa rona sa tsibogo ya ka bonako (Emergency Response Team), ga mmogo le lefapha la go tima-molelo (Fire Emergency Department), le ile la tsiboga ka bonako.
“Re tla netefatsa fa motlakase o ile wa busediwa tirisong kwa Taung. Dipatlisiso tse di tseneletseng di tla tswelediwa go ka netefatsa se se tlhodileng molelo o ka botlalo,” Baruti wa tlhalosa.
Baruti are ba tlile go tlhatlhoba dithapo (cables) tsa motlakase, mme ba tla bega ka seemo sa mafaratlhatlha a tsone kwa tlase ga lefatshe. Baruti are ba lebogela tsibogo ya ka bonako ya setlhopha sa bone, mme tshedimosetso enngwe e tla neelwa baagi mo nakong e e sa fediseng pelo.
Setshwantsho: Molelo o runtse gaufi le seteishene-potlana sa Eskom