
Ka REGINALD KANYANE
15 Phatwe 2025- Sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirina se ikuela go baagi go ba thusa go batlana le Xolisile William Manju wa dingwaga di le 50, yo go begwang fa a nyeletse. Go ya ka sepodisi, Manju o dula kwa lefelong le le bodiwang Baipei gaufi le Monti’s Tavern kwa Extension 6, kwa motsesetoropong wa Ikageng, Potchefstroom.
Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are, go begwa fa Manju a bonwe la bofelo fa kgwedi ya Mopitlwe ene e tlhola matsatsi a le 31 mono ngwaga ka ura ya bo supa mo mosong.
“Go begwa fa Manju a ile a tswa kwa lelapeng la gagwe, mme a tlhalosa fa a ya go tsaya lekwalo-itshupo la gagwe la karata kwa Lefapheng la Merero ya Selegae. Fela ga ka a boela gae.
“Go ile ga bolodiwa letsholo-patlo, fela seo ga sa ka sa ntsha maungo a namatshang. Fa Manju a ne a nyelela, one a apere borokgwe jo bo khunou, baki ya ubarolo e pududu ga mmogo le ditlhako tsa di grasshopper le tlhoro e marabaka,” Myburgh wa tlhalosa.
Myburgh are go begwa fa Manju a le montsho ka mmala, mme a na le moriri o mokhutsane, mme one o le mo pududu le bontsho, matlho a ma khunou, o mo telele, ditedu go dukuloga molomo fa tse dingwe di tsamaya mo thoko ga ditlhaa go ya go kopana le moriri.
Myburgh are Manju ona le lebadi mo tsebeng ya molema le mo letsogong la molema gaufi le sekgono.
“Go begwa fa Manju a bone mabadi ao, ka motsi wa fa a ne a amegile mo kotsing ya sejanaga. Mongwe le mongwe yo a ka tswang a na le tshedimosetso mabapi le go nyelela ga ga Manju, a ka letsetsa mmatlisisi mo kgetsing e, Konsetabole Thabang Khumalo mo di nomorong tsa 078 553 4353.
“Kgotsa a ka letsetsa sepodisi sa selegae mo nomorong ya 08600 10111. Gape a ka neelana ka tsibogo ka go dirisa MySAPS App mo mogaleng wa letheka wa se gompieno,” Myburgh wa tlhalosa.