Mokgweetsi wa serori se se tsamaisang boroto o tshwerwe poo


Ka OBAKENG MAJE

7 Phatwe 2025- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya go tshwarwa poo go tlhometswe. Se, se tla morago ga gore mokgweetsi wa serori se se tsamaisang brotho a tshwarwe poo go sa le gale.

Go begwa fa mokgweetsi o, a ile a kgorogelwa ke banna ba ba sa itsiweng, mme ba mo shupa ka sethunya pele ga ba ka mo tseela madi a seatleng a lekanyediwang go R6000, ga mmogo le mogala wa letheka.  

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Tiragalo e, ke ya kwa Taung Dam fa Phatwe a ne a rogwa. Go begwa fa babelaelwa ba ne ba rwele dithiba matlho le molomo. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana.

“Mokgweetsi o begwa fa a na le dingwaga di le 32. Go begwa fa go butswe kgetsi ya go tshwara poo le go shupa ka sethunya.”

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.