
Ka BAKANG MOKOTO
6 Phatwe 2025- Mokhuduthamaga wa Lefapha la Thuto mono Bokone Bophirima, Viola Motsumi are ba tswile letsholo, mme maitlhomo le maikaelelo ele go tokafatsa seemo kwa dikolong tse di sa direng sentle go ralala porofense. Motsumi one a etetse sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati go sa le gale.
Motsumi are kopano ya bone ene e tshwaretswe kwa sekolong se se potlana sa Stellaland mo letsatsing la Labobedi. Motsumi are o kopane le bagokgo ga mmogo le maloko a makgotlha-taolo a dikolo tse di amegileng.
āSeno, ene ele go tla ka togamaano ya go tokafatsa mafelo a go itemogelang matsapa go one mo dirutweng tse di farologaneng. Kopano e, e solofetswe go tla ka maungo a namatshang le go tlisa botsitso. Maikaelelo a sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati ke go fitlhelela diperesente tse di magareng ga 95 le 100.
āSe, se tlile go diragala fa gona le go ela tlhoko kwa dikolong tse di amegileng, seemo se se kwa godimo sa tsheka-tsheko, go netefatsa fa baithuti ba tla sekolong ka tolamo le go nna le botsamaisi jo bo tsepameng,ā Motsumi wa tlhalosa.
Motsumi are tlhoba boroko ke gore maikemisetso a sedika ke go bona diperesente tse di magareng ga 95 le 100, fela baithuti ba mophato wa bone go fitlha go wa bo lesome nngwe, ba iponetse diperesente tse di kwa tlase ga 70. Motsumi are se se bontsha fa tiragatso e bokoa e, e le kgale e diragadiwa mo sedikeng se fa e sale go tloga ka ngwaga wa 2024.
āFa e sale go tloga ngwaga wa 2025 e simolola, sedika se tsweletse go nna mo mathateng. Fela, re itumeletse go bona go nnile le tokafalo mo dipholong tsa baithuti ba marema-tlou mo karolong ya bobedi ya dithuto (Term 2).
āKe itumetse tota go bona seo, gonne go na le pharologano e kgolo fa o bapisa le ngwaga o fetileng. Go na le dikai tse dintle, mme re tshwanetse go tswelela fela jalo ka dinako tsotlhe gore re kgone go fitlhelela diperesente di le 95,ā Motsumi wa tlhalosa.
Motsumi are mo karolong ya ntlha le ya bobedi ya dithuto, baithuti ba marema-tlou ba fitlheletse diperesente di le magareng ga 85 le 84. Motsumi are mo ngwageng o o fetileng ka nako e, sedika se ne se iponetse diperesente di le 77 le 78 mo karolong ya ntlha le ya bobedi ya dithuto.
āGo bontsha fa baithuti ba mophato wa bone go fitlha go wa bo lesome nngwe kwa kgaolo ya Taung, Kagisano Molopo le ya Naledi, ba tsweletse go diragatsa bokoa. Fela, baithuti ba marema-tlou ba tsweletse go diragatsa go feta diperesente di le 80.
āTiragatso e, e re neela tshepo mo porofenseng, le fa go sentse go le mo mosong go ka ikitaya sehuba. Fela, e tla re rere ke dipitse, re di bone ka mebala. Ke akgola dikgorwana tsa kwa ga Baga Mothibi, Manthe, Pudumong, gonne baithuti ba marema-tlou koo, ba tsweletse go iponela diperesente di feta 80,ā Motsumi wa tlhalosa.
Motsumi are sekolo se segolwane sa Batlhaping le sa kwa Marubising kwa Taung Central Centre, ditshwanelwa ke go goletsa dikaushu pele ga go nna thari. Motsumi gape are dikolo tse eleng tlhoba-boroko ke tsa Kgononyane, Kromellenboog,
Kgosithebe, Colinda, Bray le sa Pica Pau tse di iponetseng diperesente tse di kwa tlase ga 70 mo dikarolong tse pedi tsa dithuto mono ngwaga.
āDipholo tse, di na le maatla a go ka ama dipholo tsa sedika ka kakaretso. Go na le dikolo tse ditsweletseng go sa nne le botsitso mo tiragatsong ya tsone. Seo se tshwanelwa ke go baakangwa go sa le gale. Fela, re tshwanelwa ke go rolela sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati hutshe mabapi le tiragatso ya sone mo serutweng sa Setswana. Sedika se fitlheletse diperesente di le 100 mo serutweng sa Setswana mo karolong ya ntlha ya dithuto mono ngwaga, mme sa fitlhelela diperesente di le 98 mo karolong ya bobedi ya dithuto mono ngwaga.
āSe, se re fa tshepo gonne go bontsha fa puo ya rona ya Setswana e sentse e tlhokomelesegile sentle mo porofenseng. Fela sedika ga se dire sentle mo dirutweng tsa Dipalo le Physical Science. Sedika se iponetse diperesente di le 73 mo serutweng sa dipalo, fa se bone diperesente di le 79 mo serutweng sa Physical Science,ā Motsumi wa tlhalosa.
Motsumi are o tshepa fa sedika se ka dira botokwa mo dirutweng tseo. Motsumi o rotloetsa gore go nne le dikampa tsa dithuto tsa mafelo a beke kwa sedikeng go tloga ka kgwedi ya Lwetse go ka leka go tokafatsa dirutwa tsa STEM.
āRe solofetse go etela didika tse dingwe jaaka sa Dr Kenneth Kaunda le sa Ngaka Modiri Molema mo matsatsing a mabedi a latelang,ā Motsumi wa tlhalosa.