Ditsela di le mmalwa diamegile morago ga dipula tse di maatla


Ka REGINALD KANYANE

6 Phatwe 2025- Bakgweetsi ba kopiwa go nna kelo-tlhoko mo ditseleng tse di farologaneng go ralala porofense ya Kapa Bokone. Se, se tla morago ga dipula tse di maatla tse di itemogetsweng.

Lefapha la Dithoto tsa Setshaba le Ditsela kwa porofenseng ya Kapa Bokone, le kaile fa ditsela di le mmalwa kwa didikeng tsa Namaqua le Frances Baard di amegile go utlwala. Lefapha le tlhalositse fa ditsela tsa mmu di sa tsamege, ebile di relela.

Sebueledi sa lefapha, Zandisile Luphahla, o tsibosa bakgweetsi go ikela tlhoko gonne ditsela tseo di ka baka dikotsi. Luphahla are lefapha la gagabo le tsweletse go tsenya masupatsela kwa ditikologong tseo go ka leka go tsibusa bakgweetsi segolo thata jang kwa sedikeng sa Namaqua.

“Ditsela di le pedi tse di dirisiwang thata teng kwa sedikeng seo, di supilwe fa di le kotsi, mme bakgweetsi ba kopiwa go kgweetsa ka kele-tlhoko. Ditsela tseo ke tsa Kamieskroon Road (DR2951) – e e itsagaleng ka “Op die Berg” ga mmogo le tsela ya Khuboes Road (DR3247/3246).

“Maemo a loapi a supa fa go tlile go nna le dipula tse di maatla kwa sedikeng seo ka ura ya bobedi mo mosong ka Labone. Ditsela dingwe di amegang kwa sedikeng sa Frances Baard. Fela mafelo a tshwana le Kimberley, Jan Kempdorp, Delportshoop, ga mmogo le Ritchie, ga ise a itemogele ditshenyegelo,” Luphahla wa tlhalosa.

Luphahla are dipula ke gone di tshimololang gona kwa mafelong ao. Luphahla are ditsela dingwe kwa mafelong ao, di amegile fela di a tsamega.

“Ditsela tse di amegileng go ralala Kimberley ke MR811 go tswa kwa Douglas go ya kwa Schmidtsdrift, tsela ya DR3355 go tswa kwa Olifantshoek go ya kwa Schmidtsdrift, tsela ya R3354 kwa Vaalharts, ga mmogo le tsela ya MR802 kwa Witpit le tsela ya MR910 go tswa Schmidtsdrift go ya  Papkuil.

“Kwa tikologong ya Griekwastad, tsela e amegileng ke ya TR69/2 go tswa kwa Griekwastad go ya Nikershoop, tsela ya DR3041 go tswa kwa Griekwastad go ya kwa Limpit, tsela ya MR809 go tswa kwa Griekwastad go ya kwa Douglas le tsela ya DR3379 go tswa kwa Lime Acres go ya Silverstream,” Luphahla wa tlhalosa.

Luphahla are masupatsela a tsentswe kwa ditseleng tseo e le go ka tsibosa bakgweetsi le go ba kaela gore ba tsamae jang. Luphahla are lefapha le ikuela go badirisi ba tsela go kgweetsa ka kelo-tlhoko, go efoga metsamao e e seng botlhokwa, go rulaganya maeto a bone go sale gale, ga mmogo le go dula ba le mo dinakong.

“Jaaka lefapha, re tlile go netefatsa fa baagi ba rona ba dula ba babalesegile, mme re tlile go tswelela go ela tlhoko seemo se. Badirisi ba tsela ba rotloediwa go nna ba le malala a laotswe ka dinako tsotlhe, le go ikela tlhoko mo seemong se sa loapi.

“Botlhe ba ba tlhokang tshedimosetso, ba ka etela kaba ya lefapha kwa maranyaneng a boitapoloso a farologaneng,” Luphahla wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.