Kgetsi ya petelelo le polao e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

5 Phatwe 2025- Kgetsi ya petelelo le polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 26, Ogorogile John Motsoathebe, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Ganyesa go fitlha kgwedi ya Phatwe e tlhola matsatsi a le 28. Go begwa fa Motsoathebe a beteletse le go bolaya mosetsanyana wa dingwaga di le 6, Bokao Gaseimelwe kwa motseng wa Tseoge, gaufi le Ganyesa ka di 28 Phukwi 2025.

Go begwa Gaseimelwe a ne a tsamaya le mmagwe ka Lamatlhatso fa sejanaga se ba neng ba se palame se ne se ema kwa ntlung e rekisang nnotagi ya Hlokoloza.

Sebueledi sa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa mmagwe ngwana a ile a lemoga fa mosetsanyana o a seo, mme ba tshimolola go batlana le ene. Mokgwabone are tiragalo e ke ya bosigo jwa 28 Phukwi 2025.

 â€śSe, se bontsha fa go nnile le itlhokomoloso ya ngwana, mme sepodisi se tlile go samagana le kgetsi eo. Re ikuela go baagi go se itseele molao mo matsogo, mme mmelaelwa ene o tshwerwe ka Labobedi.

“O lebagane le tatofatso ya petelelo le polao. O tlhageletse ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Ganyesa mo letsatsing la maabane. Dipatlisiso mo kgetsing e, di a tswelela,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Setopo sa ga Gaseimelwe se seneng se sa apara ka bontlhabongwe, se bonwe kwa ntlwana boithusetso mo letsatsing le le latelang.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.