Monna o latofadiwang ka petelelo le polao o solofetswe go dira kopo ya beile


Ka OBAKENG MAJE

4 Phatwe 2025- Monna wa dingwaga di le 26 o solofetswe go dira kopo ya go gololwa ka beile kwa kgotlhatshekelo ya Ganyesa mo letsatsing la gompieno. Molatofadiwa, John Motsoathebe, one a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa petelelo le polao.

Go begwa fa Motsoathebe a beteletse le go bolaya mosetsanyana wa dingwaga di le 6, Bokao Gaseimelwe, kwa motseng wa Tseoge, gaufi le Ganyesa ka 28 Phukwi 2025. Go begwa Gaseimelwe a ne a tsamaya le mmagwe ka Lamatlhatso fa sejanaga se ba neng ba se palame se ema kwa ntlung e rekisang nnotagi ya Hlokoloza.

Sebueledi sa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa mmagwe ngwana a ile a lemoga fa mosetsanyana o a seo, mme ba tshimolola go batlana le ene. Mokgwabone are tiragalo e ke ya bosigo jwa 28 Phukwi 2025.

 “Se, se bontsha fa go nnile le itlhokomoloso ya ngwana, mme sepodisi se tlile go samagana le kgetsi eo. Re ikuela go baagi go se itseele molao mo matsogo, mme mmelaelwa ene o tshwerwe ka Labobedi.

“O lebagane le tatofatso ya petelelo le polao. O tlile go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Ganyesa mo letsatsing la gompieno. Dipatlisiso di a tswelela,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Setopo sa ga Gaseimelwe se seneng se a apara ka bontlhabongwe, se bonwe kwa ntlwana boithusetso mo letsatsing le le latelang.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.