Malome o atlholetse dingwaga di le 6 kwa kgolegelong go teketa setlogolo


By KEDIBONE MOLAETSI

1 Phatwe 2025- Monna o neetswe kotlhao ya dingwaga di thataro kwa kgolegelong mabapi le go teketa ka maikaelelo a go ntsha dikgobalo. Go begwa fa mmagwe mosimanyana wa dingwaga di le 10, a ne a fitlhela morwae a tlhapile ka dikeledi, mme a mo botsa gore matsapa di a tsaya kae.

Go begwa fa mosimanyana o, a ile a tlhalosetsa mmagwe fa malomagwe a mo jele ka samboko morago ga go mo latofatsa ka go teketa morwae, o monnye ka dingwaga. Go ya ka mosimanyana o, one a leka go thibela ntsalae go ya go tshamekela kwa letamong le le kgotlhelegileng.

Sebueledi sa sepodisi mo Kapa Bokone, Sergeant Molefi Shemane are go begwa fa malomagwe mosimanyana o, a sa rata kgang eo. Shemane are, malomagwe one a mo tshela thupa go utlwala ka maikaelelo a go ntsha dikgobalo.

“Go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga mmagwe mosimanyana o, le malomagwe. Go begwa fa molatofadiwa a ile a tlala tshakgalo le go tshepisa mmagwe mosimanyana o, o eleng kgaitsadie go mo tlhaba ka thipa.

“Mmagwe mosimanayana o, one a le botsa phokoje le go ya go kopa thuso kwa sepodisi. Monna o, one a tshwarwa le go atlholelwa dingwaga di le 6 kwa kgolegelong ke kgotlhatshekelo ya sedika ya De Aar,” Shemane wa tlhalosa.

Fela Shemane are, katlholo e, ene ya beelwa thoko dingwaga di le tlhano, fela fa molatofadiwa a sa bonwe molato mabapi le ditatofatso tse di tshwananang le tse. Shemane are gape molatofadiwa one a kaiwa fa a sa tshwanelwa ke go tshola sethunya.

Kgabagare, botsamaisi jwa sepodisi kwa sedikeng sa Pixley Ka Seme, bo akgotse mmatlisisi mo kgetsing e, Detective Constable Dineo Potjeng go tswa kwa lephateng le le dirang ka dikgetsi tsa dintwa tsa malapa, tshotlhakako ka thobalo le bana kwa Carnarvon. Botsamaisi bo kaile fa Potjeng a dirile tiro e ntle ka go netefatsa fa ngwana o, a bona bosiamisi.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.