Monna o kolopetswe dingwaga di 6 kwa kgolegelong morago ga go teketa ngwana le mmagwe


 

By REGINALD KANYANE

31 July 2025- Monna wa dingwaga di le 28 wa kwa motseng wa Carnarvon o atlholetswe dingwaga di le thataro kwa kgolegelong. Se, se tla morago ga gore lekawana le, le tekete lekgarebe la gagwe ga mmogo le ngwana wa bone wa dingaga di le 2.

Go begwa fa tiragalo e, e diragetse ka di 3 Ngwanatsele 2024. Go begwa fa sepodisi se ile sa itelekela kwa lefelong la tiragalo morago ga gore motswasetlhabelo a kue mokgosi.

Sebueledi sa sepodisi kwa porofeseng ya Kapa Bokone, Sergeant Molefi Shemane are, go begwa fa monna o a ile a goroga kwa lapeng, mme a fitlha a teketa lekgarebe la gagwe ga mmogo le ngwana wa bone. Shemane are monna o, one a tshwarwa, mme kgetsi ya gagwe ene ya isiwa kwa lephateng la tshotlakako ya bong, ga mmogo le dikgetsi tsa tshotlakako ka thobalano.

“Go ne ga bolodiwa dipatlisiso, mme monna o, one a ganelwa ka beile go fitlhelela kgetsi e konosediwa. Ka Laboraro, kgotlhatshekelo ya sedika ya De Aar, e ile ya mo bona molato mabapi le go teketa ka maikaelelo a go ntsha dikgobalo.

“O ile a kolopelwa dingwaga di le thataro kwa kgolegelong. Gape, kgotlhatshekelo e ile ya mo tlhalosa fa a sa lekana go ka tshwara sethunya,” Shemane wa tlhalosa.

Kgabagare, sepodisi kwa sedikeng sa Pixley Ka Seme, se tlhalositse fa se tlile go tswelela ka go lwantsha kgatlhanong le bosinyi jwa tshotlakako ya basadi le bana. Sepodisi se ile sa akgola mmatlisisi wa kgetsi, Detective Warrant Officer Oageng Moilwa ga mmogo le mosekisi go tswa kwa lephateng la bosenyisi la National Prosecuting Authority (NPA), Xolisa March ka tiro e e tswileng diatla.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.