Monna o tshwerwe mabapi le kgetsi ya maiteko a petelelo


Ka KEDIBONE MOLAETSI

28 July 2025- Monna o latofadiwang ka maiteko a petelelo o tshwerwe ke lephata la sepodisi le le batlisisang babelaelwa ba ba tshabelang molao kwa porofenseng ya Kapa Bokone. Go begwa fa monna o wa dingwaga di le 25, a tshwerwe kwa toropong ya Bloemfontein kwa porofenseng ya Free State mo letsatsing la gompieno.

Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Kapa Bokone, Sarasanta Timothy Sam are, mmelaelwa o kgale a ntse a tshabela sepodisi fa e sale ka ngwaga wa 2022. Sam are kgetsi ya maiteko a petelelo ene ya bulwa kwa Barkly West.

“Maloko a lephata la Provincial Tracking Team ba ile ba amogela tshedimosetso mabapi le gore monna o, o kae, mme ba e sala morago. Monna o, o na le dingwaga di le tharo a ntse a tshabela mapodisi, mme o ile a tshwarwa kwa Grassland, Bloemfontein.

“O solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Barkly West mo nakong e e sa fediseng pelo. Sepodisi mono Kapa Bokone se itlamile go neelana ka tshireletsego go baagi, mme se tla dira ka bojotlhe go tshwara bao ba tshabelang molao,” Sam wa tlhalosa.

Sam are baagi ka kakaretso ba rotloediwa go dirisana le sepodisi le go neelana ka tshedimosetso e botlhokwa go ka reba bosenyi. Sam are baagi ba rotloediwa go letsetsa nomoro ya sepodisi ya 08600 10111, kgotsa go ka dirisa MyAPP go ka neelana ka tshedimosetso e botlhokwa mabapi le bosenyi bongwe le bongwe,” Sam wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.