Setopo sa monna se bonwe fa thoko ga tsela


Ka OBAKENG MAJE

27 Phukwi 2025- Sepodisi se se batlisisang dikgetsi tsa tiriso-dikgoka tse di tseneletseng ga mmogo le polao, se batlisisa kgetsi ya morago ga loso. Se, se tla morago ga gore setopo sa monna o a sa itsiweng se bonwe fa thoko ga tsela ya R31 gaufi le Kimberley/Griekwastad circle. Go begwa fa setopo se, se bonwe ke mokgweetsi wa serori (truck) ka Labotlhano, mme a begela sepodisi.

Sebueledi sa sepodisi mono Kapa Bokone, Sergio Kock, are go begwa fa setopo seo se bonwe ka ura ya borobedi mo mantsiboweng. Kock are moswi o botelele jwa 1.7m, o montsho ka selebo, mme one a apere baki e pududu ga mmogo le borokgwe jo bontsho.

“Go kopiwa gore mongwe le mongwe o a nang le tshedimosetso a letsetse Detective Sergeant Kelaegile Mosala mo mogaleng wa 082 302 0407 kgotsa a leletse nomoro ya sepodisi ya 08600 10111. Gape, fa o na le tshedimosetso o ka dirisa MySAPS app.

“Tshedimosetso yotlhe e tla tshwarwa mo sephiring fa dipatlisiso di tswelela,” Kock wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.