Batho ba le 293 ba tshwerwe


Ka REGINALD KANYANE

27 Phukwi 2025- Sepodisi kwa porofenseng ya Kapa Bokone se kaile fa se tlile go tswelela ka go bolotsa ntwa kgatlhanong le bosenyi ka mokgwa wa Operation Shanela. Se, se tla morago ga gore batho ba le 293 ba tshwarwe mo didikeng di le tlhano tsa porofense.

Maphata a farologaneng a sepodisi a ne a puruphutsha mafelo a farologaneng a thekiso ya nnotagi le go tlhotlhomisa fa a na le makwalo a maleba go ka rekisa nnotagi.

Fela sebueledi sa sepodisi kwa porofenseng ya Kapa Bokone, Lieutenant Colonel Sergio Kock, o tlhalositse fa mafelo a le 13 a rekisang nnotagi, a ile a tswalwa ka ntlha ya go tlhoka ditlankana tse di maleba tsa go rekisa nnotagi.

“Dijanaga di le 3088 le batho ba le 6868, ba ile ba phuruphutshwa ka nako ya letsholo-tsiboso kwa ditseleng tse di farologaneng go ralala porofense. Batho ba le mmalwa ba tshwaretswe bosenyi jo bo farologaneng jaaka go rekisa nnotagi go se mo molaong, go thuba mo matlung ga mmogo le dikgwebo.

“Ba bangwe ba tshwaretswe tshenyo ya dithoto, bogodu jwa leruo, go teketa, go tshwara poo, tiriso ya diritibatsi le go tshwara dibetsa tse di kotsi. Sepodisi se ile sa bolotsa dipatlisiso tse di farologaneng, mme go tshwerwe batho ba le 29 ba kgale ba batliwa ke matseka,” Kock wa tlhalosa.

Kock are sepodisi se ile sa phuruphutsa mafelo jaaka a rekisang dilwana tse di dirisitsweng, mafelo a rekisang nnotagi, dipoloto, ga mmogo le mafelo a go rekisiwang ditshipi kwa go one (scrapyards).

“Sepodisi se gapile dilwana tse eseng tsa nnete, dibetsa tse di kotsi, dithunya le matlhatlhela, nnotagi, madi a seatleng ga mmogo le diritibatsi,” Kock wa tlhalosa.

Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi kwa porofenseng ya Kapa Bokone, Lieutenant General Koliswa Otola, o akgotse batlhankedi botlhe ba sepodisi ka tiro e manontlhotlho. Gape Otola o akgotse baagi mabapi le tirisano-mmogo le sepodisi mo go rebeng bosenyi.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.