Moithuti wa kwa sekolong sa Reivilo o ikgwageditse


Setshwantsho: Moswi, Onalenna Sekotse/Facebook

Ka OBAKENG MAJE

23 Phukwi 2025- Sepodisi sa kwa Reivilo se butse kgetsi ya morago ga loso. Se, se tla morago ga gore setopo sa moithuti wa dingwaga di le 17 wa kwa sekolong sa Reivilo Combined, se fitlhelwe se kaleditswe kwa nageng mo letsatsing la gompieno.

Go begwa fa setopo seo ele sa ga Onalenna Sekotse.  

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Sepodisi se itsisitswe ke mofeti-ka-tsela morago ga go bona setopo sa ga Sekotse. Sepodisi se ile sa itelekela kwa lefelong la tiragalo, mme sa fitlhela go ntse jalo.”  

Kgabagare, setlamo sa South African Depression and Anxiety Group se tlhalositse fa go tlhokomela ba losika le ditsala go le botlhokwa, mme go ka thibela batho go ka ipolaya. SADAG e tlhalositse fa gona le batho ba le 23 ka letsatsi ba ba tsayang matshelo a bone mo Afrika Borwa, fa ba le 230 ba leka go tsaya matshelo a bone.

“Bontsi jwa batho ba ba itseelang matshelo ke ba ba kopaneng le diphetogo tse di seng monate mo matshelong a bone. Ba ka tswa ba latlhegetswe ke mongwe o ba mo ratang, kgotsa ba latlhegetswe ke tiro kana letseno. Fa ba bangwe ba ka tswa ba latlhegetswe ke tshono ya go ka tlhatlhosiwa jwa tirong, kgotsa ba itemogela kgaogano.

“Kgatelelo ya maikutlo ke tsenene e e sa bonagaleng ka dinako tse dingwe. Bontsi jwa nako, kgatelelo ya maikutlo e tswelela go dirisiwa jaaka tshotlo kgatlhanong le batho ba ba itemogelang. Ka nako tse dingwe ba bidiwa ka maina, mme gape ba kaiwe fa ba baletswe.”

SADAG ya re bontsi jwa baagi ga ba tlhaloganye gore kgatelelo ya maikutlo ke eng. SADAG ya re bontsi jwa nako fa motho a lebagane le kgatelelo ya maikutlo, wa shotliwa le go bidiwa ka maina a sa kwalwang.

“Ka dinako tse dingwe, bangwe ba kaiwa fa ba na le maikutlo a sa siamang kgotsa ba ipetola. Go le gantsi batho ba ba tshwerweng ke kgatelelo ya maikutlo, ba feleletsa ba ipona phoso, mme ba feleletse ba fokotsa go dula mo tulong e le nngwe le batho. Kgatelelo ya maikutlo e ka tlisiwa ke dilo di le dintsi, mme ke ka moo go leng botlhokwa gore batho ba tshwarane sentle,”

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.