Mosetsanyana o tlhokafetse morago ga go ja mazimba


Ka REGINALD KANYANE

13 Phukwi 2025- Sepodisi sa kwa Batlharos, gaufi le Kuruman, se tlhalositse fa se batlisisa kgetsi ya morago ga loso. Se, se tla morago ga gore mosetsanyana wa dingwaga di le 12 a tlhokafale fa Phukwi a ne a tlhola matsatsi a le 6.

Sebueledi sa sepodisi mono Kapa Bokone, Sarasanta Timothy Sam are dipatlisiso tsa sepodisi di shupa fa moswi ga mmogo le bo mogoloe ba jele mazimba. Go ya ka Sam, bana ba, ba ile ba ya go reka mazimba kwa spaza shop.

“Go begwa fa moswi a ile a tabogisetswa kwa bookelong kwa Kuruman morago ga gore a lwale.

Fela, go ile ga netefadiwa fa a setse a tlhokafetse. Dipholo tsa morago ga loso di tla nna karolo ya dipatlisiso,” Sam wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.