
Ka REGINALD KANYANE
8 Phukwi 2025- Bogodu jwa leruo e tsweletse go nna tlhoba-boroko mo kgaolong ya Taung le Pampierstad. Se, se tla morago ga gore banna ba le bane ba ba dingwaga tse di mo mogareng ga 16 le 37, ba tshwarwe ke batlhankela ba sepodisi ba lephata la Tsela-kgolo (High Way Patrol Unit) mo letsatsing la maabane. Go begwa fa sepodisi se ile sa longwa tsebe mabapi le sejanaga sa modiro wa Polo Vivo se go begwang fa sene se tsamaisa nama ya kgomo.
Sebueledi sa sepodisi mono Kapa Bokone, Sergeant Molefi Shemane are batlhankela ba sepodisi go tswa Hartswater High Way Patrol Unit ba ile ba tsiboga ka bonako morago ga dipego tsa gore kgomo eo e ka tswa e utswilwe pele ga e ka tlhabiwa. Shemane are batlhankela ba sepodisi ba ile ba leba kwa motse-setoropong wa Pampierstad.
“Batlhankela ba, ba ile ba bona sejanaga se go belaelwang fa ele sone se se neng se pegile nama eo ya kgomo. Ba ile ba emisa sejanaga seo, mme ba se puruputsha. Batlhankela ba sepodisi ba ile ba tshwara banna ba le bane morago ga go fitlhela nama ya kgomo ya boleng jwa R12 000 mo sejanageng seo.
“Go begwa fa mmelaelwa a le mongwe a ile a tshaba fa a bona batlhankela ba sepodisi, mme ba le bane bone ba ile ba lelelwa ke ditshipi. Morago ga dipatlisiso, go ile ga netefadiwa fa kgomo eo e utswitswe,” Shemane wa tlhalosa.
Shemane are sejanaga seo le sone se ile sa tsewa ke sepodisi, gonne ba bega fa se dirisitswe go ka dira bosenyi. Shemane are ba ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le dikgomo tse a sa di itseng kwa lesakeng la gagwe, go leba kwa seteisheng sa sepodisi sa Pampierstad go ka itsise sepodisi.
“Kgotsa ba ka letsetsa nomoro ya sepodisi e lwantsha bosenyi ya 08600 10111. Re ikuela go baagi ka kakaretso gore ba tlhokomele leruo la bone, gonne bogodu jwa leruo bo jele setsi segolo bogolo jang mo kgaolong ya magae.
“Fela sepodisi se tlile go tswelela pele ka twantsho ya bosinyi,” Shemane wa tlhalosa.