
Ka OBAKENG MAJE
30 Seetebosigo 2025- Banna ba le babedi ba tlhokafetse mo kotsing e setlhogo ya sejanaga fa pele ga lefelo la borobasogo la RNR mo tseleng ya R372 magareng ga Taung le Mokgareng ka Lamatlhatso bosigo. Mongwe wa batho ba ba boneng ka matlho are kotsi e, e bakilwe ke sejanaga sa kwa Independent Electoral Commission of South Africa (IEC).
Go begwa fa mokgweetsi o, a ne a tswa metshamekong ya kgwele ya dinao kwa Reivilo, mme one a kgweetsa ka lobelo le le kwa godimo. Go begwa fa mokgweetsi o, a ne a itlhaganeletse go ya go ya go baya sejanaga sa IEC.
“Motho o a mo thudileng wa ntlha, one a go tsaya dijo gaufinyana, mme a fitlha a di baya fa godimo ga sejanaga sa NP200. Morago ga moo, o ile a leka go tshela tsela, fela o ile a thudiwa ke sejanaga se. Sejanaga se, se ile sa mo thula mme a fofela kwa godimo.
“O ile a wela mo godimo ga sejanaga sa H1. Ka maswabi, o ile a bulega, mme diteng tsa gagwe jaaka mala, sebete, pelo le makgwao, di ile tsa tswela kwa ntle. Diteng tseo, di ile tsa tshologela mo godimo ga sejanaga sa H1, mme morago ga moo ke fa sejanaga se, se mo tsaya gape se ya go mo latlhela mo godimo ga sejanaga sa Volkswagen Polo.”
Paki e e boneng ka matlho e tlhalositse fa moswi e le moagi wa kwa motseng wa Buxton mono Taung. Paki e gape are sejanaga se, se ile sa bolaya motho o mongwe gape o a neng a tlile moletlong, mme ene ke moagi wa kwa Kuruman.
“Sejanaga se, se ile sa mo kgaola leoto le go mo apola diaparo. Sejanaga se, se ile sa mo kgaola le bonna jwa gagwe ka mokgwa o kotsi e, e neng ele botlhoko ka teng.”
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone ga a ise a tsibogele ntlha e.