Lobebe la kgwele ya dinao kwa Khibitswane 


Ka OBAKENG MAJE 

12 Seetebosigo 2025- Mafelo ano a beke ditsela tsotlhe di tla be di lebile kwa mabaleng a metshameko kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung. Kgangkgang e tla be e ja nkgawana fa go tla be go bogetswe lobebe la kgwele ya dinao. 

Kwa mabaleng a, go tla be go tshwerwe metshameko ya kgwele ya dinao ya Sylvester Kroos Tokotshane Memorial Top 8 Tournament. Ditlhopa di tshwana le Indomitable Lions FC, Lovely Movers FC, COVID FC, Bayern Leverkrusen FC, AC Berg FC, NW Stars FC, MD Royals FC le Dikgwamolelo FC, di tla be di tshotse karolo. 

Mongwe wa barulaganyi ba metshameko e, Omphemetse Meto Manganeng are, ba bone fa go le botlhokwa go ka rulaganya metshameko e, ele go gopola Tokotshane. Manganeng are Tokotshane yo eneng ele motlhankela wa sepodisi, o ile a tlhokafala mo kotsing ya sejanaga ga mmogo le mapodisi a mangwe a le mabedi kwa porofenseng ya Eastern Cape ka 2018, fa ba ne ba le mo tirong. 

“Jaanong, re ile ra atlhaatlha ntlha e ya go rulaganya tonamente e fa a ne a fetsa go tlhokafala ka ngwaga wa 2018. Jaaka batho ba ba neng ba tshela le ene, ebile ene ele motshamiki wa kgwele ya dinao, re bone fa go le botlhokwa go mo gopola.

“Tokotshane o tlhokafetse ngwana wa gagwe a sentse a le monnye. Jaanong ka go dira jaana, ke go tlhoma segopotso le gore morwae a itse fa rraagwe a ne a tshela le batho,” Manganeng wa tlhalosa. 

Are Tokotshane one a tshamekela setlhopa sa Dikgwamolelo FC ka nako eo. Manganeng are ba ne ba tshamekela setlhopa sa North West Stars FC pele ga ba ka leba kwa setlhopeng sa Dikgwamolelo FC fa se ne se bulwa ka ngwaga wa 2018. 

“Go tlile go tshamekiwa Top 8, mme setlhopa se se fenyang se tlile go iponela madi a kanang ka R18 000, dimetale ga mmogo le sejana. Setlhopa se se latlhegelwang kwa makgaola-kgannyeng se tla bona madi a kanang ka R8000, ga mmogo le dimetale tsa selefera. 

“Re batla gore mo nakong e e tlang, go nne le batho ba ba tswang kwa ditlhopeng tse dikgolo go tla go lebelela batshamiki ba ba tsayang karolo mo metshamekong e,” Manganeng wa tlhalosa. 

Manganeng are tonamente e, e tlile go godisa ikonomi ya Taung, gonne bagwebi ba ba botlana ba tla nna le tshono ya go rekisa dikgwebo tsa bone kwa metshamekong eo. Are yone e tlile go tshamikiwa kwa lebaleng la Khibitswane ka Lamatlhatso le Tshipi.  

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.