
Ka OBAKENG MAJE
27 Motsheganong 2025- Sepodisi sa Taung se kaile fa se batlisisa kgetsi ya morago ga loso. Se, se tla morago ga gore monna wa dingwaga di le 51, a tlhokafale morago ga go shela mo ntlung kwa motseng wa Myra, gaufi le Taung mo letsatsing la Tshipi.
Go begwa fa kgabo ya molelo e ile a bonwa ke baagisani, mme ba itsise batima-molelo kwa Pudimoe ga mmogo le sepodisi.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are setopo sa monna se ile sa fitlhelwa mo ntlung morago ga go tima molelo. Van Rooyen are ga ba belaele fa go ka tswa go na le letsogo la tshwene o tiragalong e.
“Ke nnete sepodisi se butse kgetsi ya morago ga loso,” van Rooyen wa tlhalosa.