
Ka OBAKENG MAJE
21 Motsheganong 2025- Mokhuduthamaga wa Lefapha La Tshireletsego Ya Baagi Le Tsamaiso Ya Dipalangwa mo Bokone Bophirima, Wessels Morweng are, o tlile go apara kobo e le nngwe le batlhankela ba sepodisi ba ba latofatswang ka go nna bobodu le dinalanyana. Se, se builwe kwa kopanong ya barui le baagi e e neng e tshwaretswe kwa ntlo-lehalahala ya Depot kwa Taung mo letsatsing la maabane.
Bontsi jwa barui ba laotofaditse sepodisi ka bobodu le go nna dinalanyana. Bangwe ba barui, ba shupile mmatlisisi wa dikgetsi (Detective) Konstabole Lebogang Rain China Mathonsi ka monwana, mme ba mo latofatsa ka bobodu le go nna dinalanyana.
“Barui ba ledile ka sepodisi go nna dinalanyana le go tsenya menwana. Mme go a itshupa gore pele o ka rarabolola bothata, o tshwanelwa ke go dumela gore o na le bothata. Jaanong, ga re gane sepe bagetsho ra dumela, mme le bopaki le bo ntshitse.
“Dilo tse tota di utlwisa botlhoko. O ka lebelela ka mokgwa o dinomoro tsa dikgetsi dingwe di kwadilweng ka teng. Motho wa itse gore ke lepodisi, mme o tlola nomoro ya ntlha, o simolola ka nomoro ya bobedi,” Morweng wa tlhalosa.
Morweng are jaanong seo se shupa gore ba dirwa dielele ka bomo. Morweng are ga nkitla ba dumelela seo mo nageng ya Afrika Borwa, gonne tapole ele nngwe e kgona go bodisa ditapole tsotlhe.
“Jaanong ke a itumela, gonne le ba totile. Mapodisi a tshwana le bo China, mme seo ke dipego ebile ga se nna ke buang jalo. Ga ke tswe kwa Mahikeng ke tshwere leina le. Fela, mongwe le mongwe o ledile ka ene.
“Ke a ipotsa gore a o teng kwa morago kwa le gore o ikutlwa jang. A reng fa a lebelela bana ba gagwe le bokamoso jwa gagwe? Go bua baagi, mme ga se nna ke buang jalo,” Morweng wa tlhalosa.
Morweng are ga batle kamoso a be a tseelwa dikgato tsa semolao mabapi le tshenyo ya leina. Morweng are wa itse gore batho ba mofuta o, ba rata kgotlhatshekelo tota jaaka baagi ba bua gore ebile ba filwe madi.
“Jaanong, dilo tse di ntseng jaana ke ditatofatso, mme le mo molaong di ntse jalo. Jaanong di tshwanelwa ke go batlisisiwa go fitlhelela boamaruri mo go tsone. Batho ba lela, mme ga gona gore batho ba ka lela ka motho a le mongwe fela.
“Le fa ebile gotwe ba ka tswa ba rekilwe. Ga gona gore batho ba ka lela ka nna botlhe fela. Fa ele gore batho ba, ba ka tswa ba rekilwe, goreng ka lepodisi le le bidiwang Godfrey Mhambi gone ba mo tlhalosa jaaka lepodisi le le siame?,” ga botsa Morweng.
Morweng are ditiro tsa mongwe le mongwe di tla mo sala morago fela jaaka ditiro tsa ga China di mo setse morago. Morweng are dilo tse dingwe di utlwisa botlhoko.
“Nna ke mokhuduthamaga, mme ke romilweng ke lekoko la sepolotiki la ANC. Jaanong fa go diragala dilo tse, baagi ba tla be ba shupa lekoko la ANC ka monwana, fela etswa go buiwa ka lepodisi le le bobodu le le bidiwang China.
“Ga gona mo ANC e tsenang teng, mme ke lepodisi le le bobodu le re tshwanelwang ke gore re le shomole, mme re le neye uniform ya mmala wa namone a dule kwa Rooigrond kwa,” Morweng wa tlhalosa.
Mongwe wa barui, Phemelo Seothaeng o akgotse Morweng ka go ba tshekegela tsebe.
“Re itemogetse gore go na le bokowanyana mo sepodising sa rona se se dirang ka bogodu jwa leruo. Fela ga go kae-kae. Ke fela matsapa mangwe a tshwanelwa ke go baakangwa.
“Re ikuela go South African Police Service (SAPS) gore e netefatse fa batlhankela ba sepodisi ba na le ditlabakelo tse di matshwanedi go ka dira tiro ya bone ka botlalo.
“Bogodu jwa leruo ke tlhoba-boroko, mme go bontsha fa magodu a leruo a dira fela jaaka a batla. Re ikuela go sepodisi go ka matlafatsa ba batlisisi ba dikgetsi go ba kgontsha gore ba batlisise dikgetsi tseo ka botlalo,” Seothaeng wa tlhalosa.
Seothaeng are gape ba ikuela gore batlhankela ba sepodisi ba nne le botsalano jo bo edileng le ba bosekisi, gonne fa sepodisi se batlisisa dikgetsi, mme botsalano e se jo bo edileng magareng ga bosekisi le bone, seo e tlile go nna lefela la mafela. Seothaeng are ba ikuela go sepodisi go ka phatlhalatsa segongwana sa bogodu jwa leruo.
“Lepodisi le le bidiwang Godfrey Mhambi o dira tiro ya gagwe ka matsetseleko, mme o ile a fisetswa sejanaga ka ntlheng ya seo. Re ikuela go puso go e sireletse batlhankela ba sepodisi ba go nna jalo,” Seothaeng wa tlhalosa.
Kgabagare, Mathonsi o kaile fa ene a sa itse sepe mabapi le ditatofatso kgatlhanong le ene, mme a bopelwa kgomo ya mmopa. Mathonsi o ikuela go mokhuduthamaga go ka bolotsa dipatlisiso mabapi le magatwe ao.