Lesea le e leng gone le belegwang le latlhetswe kwa Extension 6  


Ka OBAKENG MAJE

9 Motsheganong 2025- Sepodisi sa Taung se boloditse dipatlisiso tsa go bolaya lesea le le sa tswang go belegwa (birth concealment). Se se tla morago ga gore lesea le le sa tswang go belegwa, le bonwe le latlhetswe kwa phakeng kwa Extension 6, gaufi le Taung mo letsatsing la maabane.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, go begwa fa bana ba ba neng ba tshameka kwa phakeng eo, ba ile ba bona kgetsana e tsentse lesea leo, mme ba itsise bagolo ba ba neng ba feta ka tsela.

Van Rooyen are sepodisi se ile sa itsisiwe le go biletswa kwa lefelong la tiragalo.

“Kgetsi ya go bolaya lesea le eleng gone le belegwang e ile ya bulwa, mme ga go ope o tshwerweng go fitlha ga jaana,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.