Monna o laotofadiwang ka go nna dinalanyana kwa Manokwane o tlhasetswe ke baagi ba kwa nageng ya Lesotho


Ka OBAKENG MAJE

9 Moranang 2025- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya go teketwa ka maikaelelo a go ntsha dikgobalo tse di masisi. Se setla morago ga gore monna wa kwa motseng wa Manokwane a teketwe ka panga, mme seo se ile sa lebisa kwa goreng a kgaolwe letsogo.  

Go begwa fa Thabang Malepe a ile a tlhaselwa ke banna bangwe ba kwa nageng ya Lesotho kwa thaveneng kwa Manokwane mo bosigong jwa Lamatlhatso. Go ya ka dipego, banna ba ba kwa nageng ya Lesotho, ba ne ba hirile kwa ntlung ya bo Malepe.

Go begwa fa ba ile ba tswa letsholo le go batlana le Malepe. Go begwa fa ba ile bam o fitlhela kwa thaveneng a timola lenyora, mme ba mo latofatsa ka go nna dinalanyana.

Go ya ka dipego, banna ba, ba tlhalositse fa Malepe a ntse a ba senyetsa kwa pahophosing e ba hirileng mo go yone, mme ba mo tlhasela ka panga. Go begwa fa ba ile ba inaya naga morago ga tiragalo, mme Malepe ene a tabogisetswa kwa bookelo jwa sedika jwa Taung a opa-opelwa.

Go begwa fa a ile a kgaolwa letsogo, mme a fitisetswa kwa bookleong jwa Tshepong kwa Klerksdorp, gonne letsogo le lengwe le lone lene le na le dintho tse di tsitsibanyang mmele.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.