
Ka OBAKENG MAJE
25 Mopitlwe 2025- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya go kgothosa o tlhometse. Se se tla morago ga gore banna ba ba sa itsiweng ba le ba tlhano, ba kgorogelo mong wa lebenkele (tuck shop) kwa kgaolong ya Dube kwa motseng wa Manthe ka Labotlhano bosigo.
Go begwa fa banna ba, ba ba neng ba rwele dithima-sefatlhego (balaclavas), ba ile ba kgorogela monna wa motswa-kwa. Go begwa fa ba ile ba mo shupa ka sethunya, mme ba mo tseela madi a seatleng a lekanyediwang go R4500, airtime ga mmogo le metsoko.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, are ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana.
“Dipatlisiso mo kgetsing e, di tsweletse mme mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso mabapi le tiragalo e, a ka ikgolaganya le sepodisi ka go leletsa seteishene sa Taung kgotsa 10111,” van Rooyen wa tlhalosa.