Lekgarebe le le batliwang la kwa Lokgabeng le bonwe kwa Pampierstad


Ka OBAKENG MAJE

13 Mopitlwe 2025- Ba lelapa la ga Omphile Kgosinyana wa kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, ba tlhalosisitse fa ba mo utlwaletse golo gongwe kwa Pampierstad. Se setla morago ga goee ba tlhalose fa ba sa itse kwa Omphile a leng teng, mme ba ikuela go baagi mo mafaratlhatlheng a farologaneng jaaka sefatlhego sa buka go ba thusa go batlana le Omphile.

Go begwa fa Omphile a ntse a dula kwa Extension 6, mono Taung.

Mmagwe Omphile, Gloria Seimelo, are ba batlana le Omphile mabapi le ngwana wa gagwe o amogetsweng kwa bookelong ka ntlheng ya pobolo.

“Re itumeletse dithuso tse re di boneng mabapi le go batlana le Omphile. Re ile ra amogela mogala go mongwe go tswa kwa Pampierstad, mme a re tlhalosetsa fa Omphile a le koo. O begile fa a dula le lekau, mme re tlhokile madi a go ya go mo tsaya.

“Ke belaela fa re ka dira jalo mo nakong e e sa fediseng pelo,” Seimelo wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.