
Ka BAKANG MOKOTO
5 Mopitlwe 2025- Motaki wa kwa motse-setoropong wa Ipelegeng, gaufi le Schweizer Reneke, Oduetse Ditshwele, are o simolotse ka leeto la gagwe la botaki dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Ditswele are le fa go se bonolo go nna motaki mo porofenseng ya Bokone Bophirima, o leka ka bojotlhe go ntsha maungo a namatshang.
āKe gola ke le motho o neng a rata go taka ditshwantsho. Ka 2001, ke ile ka nna karolo ya setlhopa sa Amajub-jub Threatre Club teng mo Schweizer Reneke. Setlhopa seo, se ne se diragatsa, mme moeteledipele wa sone e ne ele motaki.
āKe ile ka tsamaya tsela e ya botaki le ene, mme e ne ya re fa a tloga kwa lefatsheng la Schweizer Reneke go boela gagabo, ke ile ka tlogela. Fela ka 2009, ke ile ka ya kwa kholejeng go ka tsweletsa dithuto tsame. Ke ne ke dira dithuto tsa Human Resources Management, fela ga ke a kgona go di fetsa,ā Ditshwele wa tlhalosa.
Ditshwele are ka ngwaga wa 2012, o ile a boela kwa gagabo kwa Schweizer Reneke, mme a simolola ka go taka dikipa ka ntlheng ya botlhoka-tiro. Ditshwele are, one a kopana le modiri wa Lefapha la Botaki, Metsameko le Botsweletsi mo Bokone Bophirima, Keabetswe Rakgwale, o a ileng a mo thusa go ka tokafatsa talente ya gagwe.
āGo nnile le dithuto-katiso tse ke ileng ka di tsenela. Morago ga moo, ke ile ka dira le lefapha go taka matshwao a farologaneng kwa dikolo go ralala porofense. Ga jaana, ke tsweletse go ka dira ditiro tsa go taka, le fa go le thata.
āGo bua nnete ditiro di dintsi, fela batho ba bo rona ba gana go ntsha madi. Batho ba tshwanetse ba itse, ga go bonolo go bona dilwana tse re di dirisang go taka. Re di fitlhelela kgakala, gonne re dirisa mefuta e farologaneng ya dipente,ā Ditshwele wa tlhalosa.
Ditshwele are tlhoba-boroko enngwe ke gore bone jaaka bataki mo porofenseng, ga ba tsewe tsia. Ditshwele are fa gona le meletlo e farologaneng jaaka Mahika Mahikeng Cultural Music Festival le Taung Cultural Calabash, ga gona mo ba tsayang karolo teng.
āJaanong, re sentse re ipotsa gore gobaneng re lebetswe. Ke takile ditshwantsho tsa batho ba le bantsi ba ba itsegeng jaaka motlatsa-tona kwa kantorong ya ga mopresidente, Kenny Morolong ga mmogo le seopedi se se diphatsa sa mmino wa Setswana, Maausi Lekoma,ā Ditshwele wa tlhalosa.