Monna o bonwe molato morago ga go bolaya lekgarebe la gagwe 


Ka BAKANG MOKOTO 

24 Tlhakole 2025- Monna wa dingwaga di le 37, o atlholetswe dingwaga di le 15 kwa kgolegelong ke kgotlhatshekelo ya sedika ya Ganyesa morago ga go bolaya lekgarebe (24) la gagwe kwa polasing nngwe kwa Piet Plessis. Go begwa fa mothapi wa molatofadiwa, a ne a bona setopo sa mosadi se se neng se kgamathetse madi kwa polasing ya gagwe, mme a lemoga fa e le lekgarebe la mongwe wa badiri ba gagwe, Ngaru Sekgotshane. 

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, tiragalo e e diragetse ka di 28 Phatwe 2022. Go ya ka Tryphosa, sepodisi se ile sa bilediwa kwa lefelong la tiragalo. 

“Sepodisi se ile sa batlana le lekawana le go tla go le tlhoma ka dipotso. Sepodisi se ile sa fitlhela Sekgotshane a itshubile mo phaposing e tlhapelang, mme diaparo tsa gagwe dikgamathetse madi. Sepodisi se ile sa tsaya molatofadiwa go ya kwa a nnang teng, kwa le gone go fitlhetsweng diaparo dingwe tse le tsona di neng di kgamathetse madi. 

“Sekgotshane o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile go fitlhelela a seka. Diaparo tsa gagwe tse di neng di na le madi, di ile tsa isiwa kwa ditekong tsa forensic go ya go netefatsa gore madi a mo go tsone ke a ga mang. Go ya ka pegelo eo ya forensic, go ile ga netefadiwa fa madi a neng a kgamatetse mo diaparong ene ele a moswi,” van Rooyen wa tlhalosa. 

Van Rooyen are kgotlhatshekelo ya sedika ya Ganyesa e ile ya bona Sekgotshane molato wa polao, mme e ile ya mo atlholela dingwaga di le 15 kwa kgolegelong. 

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.