Sejanaga sa lepodisi la Taung se jelwe ka molelo


Ka OBAKENG MAJE

21 Tlhakole 2025- Sepodisi sa Taung se tlhalositse fa se batlisisa kgetsi ya go tshuba ka molelo. Se, se tla morago ga gore sejanaga sa modiro wa RunX sa lepodisi la mo Taung, Sergeant Godfrey Mhambi (41), se jewa ka molelo kwa Motseng wa Ditshilong, gaufi le Taung.

Go begwa fa tiragalo e, e diragetse mo letsatsing la maabane fa masigo asa.  

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone, go begwa fa Mhambi le ba lelapa la gagwe ba ne ba robetse fa tiragalo e, e direga.

“Sepodisi se a itse ka tiragalo e, mme dipatlisiso di tsweletse. Go begwa fa Mhambi a ne a robetse kwa lelapeng la gagwe, mme ene ya re fa masigo asa, o ile a utlwa alarm ya sejanaga sa gagwe e lela.

“O ile a tswela kwa ntle, mme ka maswabi, o ile a fitlhela sejanaga sa gagwe se le mo kgabong ya molelo. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Kgabagare, Mhambi o tlhalosiwa jaaka mongwe wa mapodisi a pelo-kgale kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung, ebile a lwantsha bogodu jwa leruo ntle le go kgala mathe ganong.  

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.