
Ka OBAKENG MAJE
18 Tlhakole 2025- Bangwe ba batsadi ba baithuti ba ba letseng ba lelekilwe kwa sekolong se segolwane sa Mankuroane mono Taung, ba re na nesetsa pula tshwetso ya Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima. Se se tla morago ga gore lefapha le tlhalose fa le tlile go neela motlatsa-mogokgo, George Mpolokeng wa sekolo se se umakilweng lekwalo-kgalemo (warning letter) mabapi le go leleka baithuti kwa sekolong.
Go ya ka mongwe wa batsadi ba baithuti o sa batleng fa leina la gagwe le itsiwe ka ntlheng ya go tshaba go shotlakakiwa are, motlatsa-mogokgo o ile a laela batlhokomedi ba tshireletso kwa sekolong go ntshetsa baithuti bao ba ba neng ba latofadiwa ka go sa apara uniform ya sekolo kwa ntle ga legora la sekolo.
“Tota se motlatsa-mogokgo a se dirileng ke bo kotlase le go senyetsa bana nako. Jaaka re bua jaana, baithuti ba, ba letse ba ebela le mebila ya motse wa Lokaleng, mme ba sa ya sekolong. Go riana, ba siilwe ke dithuto.
“Fa bana ba, ba sa falole fa ngwaga e fela, batsadi batla be ba shupa barutabana ka monwana. Ke ka moo re akgolang lefapha ka tshwetso e. Re ikuela go bagokgo kgotsa barutabana go se gatake maatla a ba a neeilweng ke lefapha,” motsadi wa tlhalosa.
Are se ba se dirang se, ke go kgokgontsha bana, ga mmogo le batsadi. Motsadi are kamoso bana ba tla tlogana ba gana go ya dikolong ka ntlheng ya dilo tse.
Kgagare, sebueledi sa Lefapha La Thuto mo Bokone Bophirima, Mphata Molokwane are: “Lefapha le amogetse pego eo go tswa motsamaising wa kgaolo mabapi le maitshwaro a motlatsa-mogokgo kwa sekolong se segolwane sa Mankuroane.
“Lefapha le kgala ka bogale maitshwaro a makgasa a motlatsa-mogokgo, mme le tlile go mo neela lekwalo-kgalemo (written warning), mabapi le kgang e. Ga gona maipato ape a tla dirang gore lefapha le efoge kgang e.”
Molokwane are kgoreletso ya dithuto kwa dikolong ga ya letlelelwa, ntle fela fa mogokgo a bone tetla go tswa kwa tlhogong ya lefapha. Molokwane are seo se direga fela fa ditiragalo tseo, di ama sekolo jaaka metshameko.