Monna o latofadiwang ka go bolaya mosadimogolo ka panga o tla ya go tlhatlhobiwa tlhaloganyo


Ka REGINALD KANYANE

13 Tlhakole 2025- Monna o latofadiwang ka go bolaya mme-mmagwe (76), Daniel Louw, o tla ya go tlhatlhobiwa tlhaloganyo ele go netefatsa fa a siametse go ka sekisiwa. Go begwa fa Louw, a ne a tsena kwa legaeng la moswi a shakgetse, mme a tshwere thipa le tshipi.

Go ya ka sebueledi sa bosekisi mo porofenseng ya Northern Cape, Mojalefa Senokoatsane, kgotlhatshekelo ya Kimberley, e utlwile fa mothaka o, a ile a fitlha a palama ntlo. Senokoatsane are, mothaka one a tsena mo ntlung, mme a fitlhela mme-mmagwe ga mmogo le morwae.

“Gobegwa fa mothaka o, o ile a fitlhela mme-mmagwe le ngwana wa gagwe ba ipaakanyetsa go isa marapo go beng. Go begwa fa monna o, a ile a laela mme-mmagwe gore a mo neele mmotshwana. Go begwa fa Louw a ne a ratha mme-mmagwe ka panga mo sefatlhegong.

“Ene ya re ngwana wa mothaka o go bona seo, one a sia.

One a siela kwa ntle go ya go kopa thuso. Go begwa fa mme-mmagwe a ne a bona dikgobala tse di masisi, mme a tlhokafala,” Senokoatsane wa tlhalosa.

Senokoatsane are kgetsi e buseditswe morago go fitlha di 27 Mopitlwe 2025, mme ba emetse diteko tsa tlhaloganyo le go netefatsa fa molatofadiwa a lekane go ka sekisiwa.

taungdilynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.