
Ka REGINALD KANYANE
5 Tlhakole 2025- Sepodisi sa Pudimoe se boloditse dipatlisiso mabapi le go bolaya ntle le maikaelelo. Se se tla morago ga gore monna wa dingwaga di 27, a tlhokafale mo kotsing ya sejanaga kwa tseleng e golaganyang motse wa Matalapaneng ga mmogo le Mase, mono Taung ka letsatsasi la Tshipi.
Go begwa fa dijanaga di le pedi di thulane ka dinko ka masa a letsatsi la Tshipi, mme monna mongwe wa mopagami a tlhokafala.
Go ya ka sebueldi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, sejanaga sa modiro wa Opel Corsa le sa Toyota Fortuner, di thulane ka dinko.
“Sepodisi sa kwa Pudimoe, se ile sa tabogela kwa lifelong la tiragalo, mme go begwa fa ba ne ba fitlhela fa bakgweetsi ba dijanaga tseo ba le mo ditlhabing. Ba ile ba tabogisetswe kwa bookelong jwa selegae go bona thuso ya potlako.
“Fela, mopalami wa sejanaga sa Opel Corsa, one a tlhokafalela kwa lifelong la tiragalo. Sepodisi se ile sa bula kgetsi ya polao ntle le maikaelelo, mme dipatlisiso di tsweletse,” van Rooyen wa tlhalosa.
Kgabagare, Mokhuduthamaga wa Lefapha la Tshireletso ya Baagi ga mmogo le Tsamaiso ya Dipalangwa mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Wessels Morweng, o tlhalositse fa batho ba le 100 ba tlhokafetse mo dikotsing tsa dijanaga di le 98 ka motsi wa matsatsi a khunulogo. Morweng are le fa go nnile le koketsego ya dintsho, porofense ya Bokone Bophirima e nnile nngwe ya tse di dirileng sentle mo go thankgololeng letsema la go kgweetsa ka tshireletsego mo nageng.
“Re thankgolotse le nane la rona la thibelo-tseleng le le bidiwang Provincial Road Safety Campaign kwa Zeerust ka di 13 Sedimonthole 2024. Se ene ele karolo ya lenaneo la puso la go isa ditirelo kwa bathung le le bidiwang Thuntsa Lerole.
“Fela jaaka ene e tlhalositswe ke tona ya dipalangwa ya bosetshaba, Barbara Creecy fa a ne a tlhoma semmuso letsholo la thibelo tseleng, o tlhalosistse fa le ne le ikaegile ka dipilara di le nne jaaka go kgweetsa ka kelotlhoko, tshireletsego ya batsamaya ka dinao, go tsenya tirisong le go ruta badirisi ba tsela ga mmogo le tirisano mmogo,” Morweng wa tlhalosa.
Are porofense ga ya bega ka dikotsi tse di masisi tsa mogosho. Morweng are mebila megolo e farologaneng jaaka N4, e golaganyang Brits le Gauteng, ga mmogo le motse wa Dinokana gaufi le bodara ya nagaya Botswana, e nnile tlhoba boroko.
“Ditsela tse dingwe jaaka N12 le N14, le tsone re iponetse tatlhegelo ya matshelo mo go tsone,” Morweng wa tlhalosa.