Mongwe wa balatofadiwa mo polao ya kwa Matlhako 2 o ipone molato


Ka OBAKENG MAJE

23 Ferikgong 2025- Kgetsi kgatlhanong le banna ba le babedi ba kwa motseng wa Matlhako 2, gaufi le Pudimoe, e buseditswe morago go fitlha di 28 Ferikgong 2025. Go begwa fa Phemelo Maine (40), a ipone molato mo ditatofatsong tsotlhe kgatlhanong le ene, fa molatofadiwa-naye, Onkemetse Phatlhanyane (27), ene a ka tswelela ka kopo ya beile.

Lekgotlha la bosekisi la National Prosecuting Authority (NPA), le tlhaloseditse kgotlha-tshekelo fa le tlile go tlaleletsa ditatofatso kgatlhanong le balatofadiwa. Bosekisi jwa re bo tlile go tlaleletsa ka kgetsi ya go thopa ka dikgoka.

Maine le Phatlhanyane ba latofadiwa ka go bolaya Boingotlo Makaota (16). Go begwa fa setopo sa ga Makaota, se bonwe kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng kwa motseng wa Matlhako 2, mo dibekeng tse di fetileng.

Go ya ka moagisani, one a utlwa segajaja sa lekgarebe mo bosigong jwa Labone kwa ntlung ya ga Maine. Go begwa fa moagisani o, gape a tlhalositse fa a ne a bona Maine ga mmogo le ditsala tsa gagwe ba kgorometsa kereibaye e go bontshang fa ene e pegile sengwe mo teng mo mosong wa Labotlhano.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Sepodisi se ile sa tswa letsholo, mme seo se ile sa lebisa kwa go epololweng ga setopo sa ga Makaota.

“Go begwa fa setopo seo, sene se thatilwe ka kobo, mme moswi one a supiwa ke ba lelapa la gagwe. Dipatlisiso di shupa fa setopo sa ga Makaota, se ne se na le dintho mo tlhogong, mo diropeng ga mmogo le mo maotong.”

Mokgwabone are dipatlisiso di ile tsa bolodiwa kwa lelapeng la ga Maine, mme diaparo tsa moswi di ile tsa fitlhelwa teng. Mokgwabone are, Maine o tshwerwe ka Lamatlhatso morago ga go ineele kwa sepodising.

“Monna o, o ile a isiwa kwa sepodisi ke morwa rragwe, mme one a tshwarwa. Sepodisi se ile sa botsolotsa Phatlhanyane o bonweng a tsamaya le Maine fa a ne a kgorometsa kereibaye, mme le ene o ile a lelelwa ke ditshipi,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Mokomishinara wa Sepodisi wa nama o sa tshwere mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, o kgadile ka bogale tiragalo e. Asaneng are polao eo ya go tlhorontshiwa ga bong e kabo e efogilwe fa baagi ba ne ba le malala-a-laotswe.

Kgabagare, mongwe wa leloko la lelapa la kwa ga Makaota, Lesley Sirwe are: “Re ne re tlile kgotlha-tshekelo gompieno, go tla go itseela ka tsebe. Fela se ke se lemogileng kwa kgotlha-tshekelo ke gore, balatofadiwa ga ba tlotle le kgotlha-tshekelo, mme ba botsha ba tletse lenyatso.

“Re sentse re ikuela gore tshiamiso e diragale. Dikakanyo tse ke tla di neelang baagi ba motse wa rona wa Matlhako 2 ke gore, are tsweleleng ka letsema la go lwa kgatlhanong le dipolao tse di kana-kana kgatlhanong le bo mme le bana.”

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.