Kgetsi ya petelelo kgatlhanong le monna wa kwa Reivilo e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

23 Ferikgong 2025- Monna wa dingwaga di le 25, wa kwa motse-setoropong wa Reivilo o tshwerwe. Se tla morago ga gore molatofadiwa, Bongani Baikai a latofadiwe ka go betelela mosetsanyana wa dingwaga di le 14.

Go begwa fa Baikai, ane a tsamaya le lekgarebe la gagwe go ya go iphanya ka nnotago. Go begwa fa Baikai ga mmogo le lekgarebe la gagwe le eleng ausi wa mongongoregi, ba ne ba go robala kwa gabo lekgarebe.

Sebueledi sa sepodisi mo Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, go begwa fa molatofadiwa ga mmogo le lekgarebe la gagwe ba ne ba robetse kwa phaphosing enngwe ya go robala, fa mongongoregi ane a robetse kwa go enngwe.

“Go begwa fa molatofadiwa a ne a ya kwa phaphosing e mongongoregi a neng a robetse kwa go yone, mme a fitlha a mo tsosa le go mo biletsa kwa ntle, mme a mo betelela. Kgetsi ya petelelo ene ya bulwa kgatlhanong le Baikai.

“Molatofadiwa one a tlhageletse ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Taung, mme kgetsi ya gagwe ene ya busediwa morago, fa ene a ka nama a letile kwa ntlolefitshwana,” van Rooyen wa tlhalosa.

Kgabagare, go begwa fa Baikai, a setse a lebagane le kgetsi e nngwe gape ya petelelo kwa Postmasburg.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.