Banna ba le babedi ba ba latofadiwang ka polao ya lekgarebe la kwa Matlhako 2 ba solofetswe go dira kopo ya beile  


Ka OBAKENG MAJE

16 Ferikgong 2025- Banna ba le babedi ba kwa motseng wa Matlhako 2, gaufi le Pudimoe, ba solofetswe go dira kopo ya beile kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Phemelo Maine (40) ga mmogo le Onkemetse Phatlhanyane (27), ba latofadiwa ka go bolaya Boingotlo Makaota (16).

Go begwa fa setopo sa ga Makaota, se bonwe kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng kwa motseng wa Matlhako 2 mo bekeng e e fetileng ka Labotlhano. Sepodisi se begile fa Makaota a ka tswa a bolailwe mo bosigong jwa Labone gone mo bekeng e e fetileng.

Go ya ka moagisani, one a utlwa segajaja sa lekgarebe mo bosigong jwa Labone kwa ntlung ya ga Maine. Go begwa fa moagisani o, gape a tlhalositse fa a ne a bona Maine ga mmogo le ditsala tsa gagwe ba kgorometsa kereibaye e go bontshang fa ene e pegile sengwe mo teng mo mosong wa Labotlhano.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Sepodisi se ile sa tswa letsholo, mme seo se ile sa lebisa kwa go epololweng ga setopo sa ga Makaota.

“Go begwa fa setopo seo, sene se thatilwe ka kobo, mme moswi one a supiwa ke ba lelapa la gagwe. Dipatlisiso di shupa fa setopo sa ga Makaota, se ne se na le dintho mo tlhogong, mo diropeng ga mmogo le mo maotong.”

Mokgwabone are dipatlisiso di ile tsa bolodiwa kwa lelapeng la ga Maine, mme diaparo tsa moswi di ile tsa fitlhelwa teng. Mokgwabone are, Maine o tshwerwe ka Lamatlhatso morago ga go ineele kwa sepodising.

“Monna o, o ile a isiwa kwa sepodisi ke morwa rragwe, mme one a tshwarwa. Sepodisi se ile sa botsolotsa Phatlhanyane o bonweng a tsamaya le Maine fa a ne a kgorometsa kereibaye, mme le ene o ile a lelelwa ke ditshipi,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Mokomishinara wa Sepodisi wa nama o sa tshwere mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, o kgadile ka bogale tiragalo e. Asaneng are polao eo ya go tlhorontshiwa ga bong e kabo e efogilwe fa baagi ba ne ba le malala-a-laotswe.

Kgabagare, modula-setilo wa mokgatlho wa baagi wa South African National Civic Organisation (SANCO) mo Taung, Joseph Tanyane are: “Re utlwile ka tiragalo eo, mme re tlhabilwe ke ditlhong thata. Re dira boikuelo go makgarebe a atlhogang gore ba itlhokomele thata jang mo makawaneng a tlang kwa morago a.

“Ko bofelo, ba feleletsa ba ba tseela matshelo, mme re ba rotloetsa thata gore ba itlhokomele. Re leboga sepodisi sa rona sa Afrika Borwa ka gore se sebaka ba be ba setse ba tshwere babelaelwa. Ba dira tiro entle go baagi ba rona.”

Tanyane are ba romela matshidiso go ba lelapa la ga Makaota gore ba beye tshotlhe fa pele ga Modimo, gonne ke ene fela o a itseng.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.